Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:14 - Setswana 1970

14 Ke tla ipusolosetsa ka bogale le ka kgalefo mo ditšhabeng tse di ganang go utlwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

14 Mi ki tla mumula likhua tsa lona mo go lona: mi ki tla senya metse ea lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

14 Ke tlaa khumola ke tlosa Medimako ya gago mo gare ga gago, ke tlaa senya metse ya gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:14
9 Iomraidhean Croise  

Ba itlhomela majwe a a motloutlo le medimako ya Ašera mo thabaneng nngwe le nngwe e e godimo le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala.


go dirafatsa pusoloso mo ditšhabeng le dipetso mo merafeng


go dirafatsa mo go bona katlholo e e kwadilweng. Seo ke tlotlo ya baratwi ba gagwe. Haleluya!


Mme lo dige dialetare tsa bone, lo thubaganye majwe a a motloutlo a bone, lo reme medimako ya bone ya Ašera.


Mme ga a nke a leba dialetare tse e leng tiro ya diatla tsa gagwe, le e seng go tlhokomela tse di dirilweng ke menwana ya gagwe, e leng medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi.


Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe.


Mme fa ba gana go utlwa, morafe o o ntseng jalo ke tla o kumolela ruri, ke o nyeletsa.” Morena o buile jalo.


Meago yotlhe ya Jakobe, Morena o e sentse, a se ka a e rekegela. Dikago tsa phemelo tsa morwadia Juta a di rutla ka bogale jwa gagwe. Bogosi jwa gagwe le dikgosana tsa gagwe a di digela fa fatshe le go di tlhapatsa.


Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan