Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:13 - Setswana 1970

13 Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi ki tla khaola licuanco tse ri setiloeñ tsa lona, le licuanco tse ri thokhameñ tsa lona mo go lona; mi ga lo kitla lo tlola lo obamela tiho ea atla tsa lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ke tlaa kgaola ke tlosa ditshwantsho tsa gago tse di setilweng, le maje a a emeng motloutlo a gago mo gare ga gago; mme ga o ketla o tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:13
17 Iomraidhean Croise  

Mme medimo ya diseto e tla nyelelela ruri.


Lefatshe la bona le tletse medimo ya diseto. Ba obamela tiro ya diatla tsa bone tse di dirilweng ke menwana ya bone.


Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe.


Ba tla fisa matlo a gago ka molelo, ba dirafatsa kotlo mo go wena fa pele ga matlho a basadi ba bantsi. Ke tla khutlisa boaka jwa gago jalo. Le gona ga o nke o tlhola o ntsha tuelo ya boaka.


Ke tla lo kgatsha ka metsi a a phepa gore lo itsheke; ke tla lo tlhapisa maswe otlhe, ke tlosa medimo e e maila yotlhe ya lona.


Ga ba nke ba tlhola ba kgotlelega ka medimo e e maila ya bone le ka makgapha a bone le ka maleo otlhe a bone. Ke tla ba golola mo ditenegong tsotlhe tsa bone tse ba nteofetseng ka tsona, ke ba itshekisa. Ba tla nna morafe wa me; nna ke nne Modimo wa bone.


Mme ba ba falotseng ba lona ba tla nkgopola ba le kwa ditšhabeng tse ba isitsweng mo botshwarong kwa go tsona. Ke tla phatlola dipelo tsa bone tse di akafalang le go ikepa mo go nna, le go tlhontsha matlho a bone a a akafalang, a sala medimo ya bone e e maila morago. Foo ba tla inyatsa ka bosi ka ntlha ya masula a maila otlhe a bone a ba a dirileng.


Ba pelo pedi. Jaanong ba tla otlwa. Morena o tla phatlakanya dialetare tsa bona, a senya majwe a a motloutlo a bona a kobamelo.


Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.”


Eferaime o ka tlhola a dira eng ka medimo ya diseto? Nna ke mo utlwile, ke tla nna ke mo tlhokomela. Ke tla nna jaaka setlhare sa mosiperese se setala. Maungo a gago a tla tswa mo go nna.”


Mme Morena o tla laola ka ga gago gore go se ka ga tlhola go jwalwa leina la gago. “Ke tla nyeletsa setshwantsho sa modimo se se setilweng le se se bopilweng mo ntlong ya modimo wa gago; ke go epela lebitla, gonne ò fitlhetswe ò le botlhofo.”


“Ke tla otlolola letsogo go otla Juta le baagi botlhe ba Jerusalema; ke tla nyeletsa Baale gotlhegotlhe le leina la baperesiti ba medimo mmogo le baperesiti ba Modimo mo felong fano,


Morena wa masomosomo a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa maina a medimo ya diseto mo lefatsheng gore e se ka ya tlhola e gopolwa; le gona ke tla tlosa baporofeti ba maaka le mowa o o maswe mo lefatsheng.


Mme batho ba ba setseng, ba ba sa bolawang ka dipetso tseo, ba se ka ba bakela ditiro tsa diatla tsa bone tsa go obamela medemone le medimo ya diseto ya gouta le ya selefera le ya kgotlho le ya lentswe le ya logong, e e sa boneng, e e sa utlweng, e e sa tsamaeng;


banna ba batlhano ba ba kileng ba ya go tlhola lefatshe ba ya kwa tempelaneng, ba tsena teng, ba tsaya modimo wa seseto le khiba ya boperesiti le medimo ya lelapa le modimo o o bopilweng, moperesiti ene a ntse a eme le banna ba ba 600 ba ba tlhometseng dibolai tsa ntwa kwa mojakong wa kgoro.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan