Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 5:12 - Setswana 1970

12 Ke tla nyeletsa medimo ya diseto ya gago le majwe a a motloutlo a kobamelo a gago gore di tlosiwe mo gare ga lona, mme ga o ka ke wa tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi ki tla khaola litoo tse ri go lona; mi ga lo kitla lo tlola lo na le bashuabi ba maru.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Ke tlaa kgaola ke tlosa boloi mo seatleng sa gago; mme ga o ketla o tlhola o dira le baswabi ba ditiro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 5:12
14 Iomraidhean Croise  

Mme medimo ya diseto e tla nyelelela ruri.


Ka letsatsi leo batho ba tla latlha medimo ya selefera ya bone le medimo ya gouta ya bone e ba e itiretseng gore ba e obamele; ba e latlhela dirunya le bomamathwane


Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe.


Mme kota e e setseng a dire modimo ka yona, modimo wa seseto wa gagwe; a khubame fa pele ga ona, a o obamele, a o rapele a re: “Mpholose, gonne o modimo wa me!”


Ba tla fisa matlo a gago ka molelo, ba dirafatsa kotlo mo go wena fa pele ga matlho a basadi ba bantsi. Ke tla khutlisa boaka jwa gago jalo. Le gona ga o nke o tlhola o ntsha tuelo ya boaka.


Ke tla lo kgatsha ka metsi a a phepa gore lo itsheke; ke tla lo tlhapisa maswe otlhe, ke tlosa medimo e e maila yotlhe ya lona.


“Ka letsatsi leo motswedi o tla tswelela ba ntlo ya Dafita le baagi ba Jerusalema, o tlosa boleo le maswe.”


“Gonne baheitane bao o tla ba lelekang ba ikanya dingaka le baitseanape, mme wena Morena, Modimo wa gago, ga a go letlelela tse di ntseng jalo.


Mme sebata sa tshwarwa mmogo le moporofeti wa maaka yo o dirileng ditshupo fa pele ga sona, tse o timeditseng ba ba amogetseng lotshwao lwa sebata ka tsona, ba obamela setshwantsho sa sona; ka bobedi jwa bona ba latlhelwa mo letsheng la molelo le le tukang molelo wa sebabole, ba ntse ba phela.


Ba ba tla salang kwa ntle ke dintšwa le baloi le diaka le babolai le badiredi ba medimo e sele le mongwe le mongwe yo o ratang maaka, a a dirisa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan