Mike 5:1 - Setswana 19701 “Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.” Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 YANA ikiseñ mogo, moroaria mashomo: re tlasecoe: ba kantse mosekisi oa Bayeserela mo lerameñ ka thupa. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 Jaanong o tlaa iphutha, o nna ditlhopha, wena morwadia ditlhopha; o re tlhasetse, ba tlaa kanya kgosi ya Iseraele mo lesameng ka thupa. Faic an caibideil |
bonang, ke tla romela kwa ditsong tsotlhe tsa bokone le kwa go Nebukatenesare, kgosi ya Babele, motlhanka wa me, ke ba tsaya, ke ba tlisa kwano gore ba tlhabane le lefatshe leno le baagi ba lone le ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya lone. Mme bana ke tla ba hutsa gore ba latlhege, ke ba dira theregiso le tshotlego le nyatsego e e sa khutleng.” Go bua Morena.
Itse ò lemoge gore go tloga ka sebaka se lefoko le duleng ka sona gore Jerusalema a busediwe batho, a agiwe gape, go fitlhelela moeteledipele yo o tloditsweng a nne teng, ke bosupa jwa dinyaga ga supa. Jaanong o tla agiwa gape ka bosupa jwa dinyaga ga 62 mmogo le dipatlelo le mebila, mme e le mo dipakeng tsa pitlagano.