Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:6 - Setswana 1970

6 Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla phutha ba ba tlhotsang, ke kgobokanya ba ba lelekilweng le ba ke ba diretseng kotlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 ¶ Go bua Yehova: Ki tla kokoanya bona ba ba tlotsañ ka motla ouo, le bona ba ba lelekiloeñ, ki tla ba phutha, le ba ki ba shulatsitseñ;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 “E tlaa re mo motlheng oo,” go bua Jehofa: “Ke tlaa kokoanya ene yo o tlhotsang, ke phutha ene yo o lelekilweng, le ene yo ke mo patikileng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:6
16 Iomraidhean Croise  

Morena o aga Jerusalema, o phutha balelekwi ba Iseraele.


Kana ke rile: “A ba ba inkgodisetsang ba se itumele ka nna, fa lonao lwa ka lo theekela.”


Morena Modimo yo o phuthang ba ba lelekilweng ba Iseraele o bua a re: “Ba ba setseng ba phuthegile ba bone ke tla ba okeletsa gape.


Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa.


Bonang, ke tla ba busa kwa lefatsheng la bokone, ke ba phutha kwa dikhutlong tsa lefatshe, ba na le difofu le batlhotsi le ba baimana le ba ba belegang, botlhe mmogo. Ba tla boela kwano e le phuthego e kgolo.


‘Ke tla lo ntsha kwa baheitaneng, ke lo phutha kwa mafatsheng aotlhe, ke lo busetsa kwa nageng ya lona.


“Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.”


Bonang, botlhe ba ba go bogisang ke tla ba otla ka sebaka seo; ke tla thusa ba ba tlhotsang, ke phutha ba ba lelekilweng, ke ba dira ba ba tlotlwang, ke tumisa leina la bone mo lefatsheng lengwe le lengwe le ba neng ba nyatsega mo go lone.


gonne Morwa-Motho o tsile go batla le go pholosa se se latlhegileng.”


Ke na le dinku di sele, tse e seng tsa lesaka le; le tsona ke tshwanetse go di tsisa; di tla utlwa lentswe la me, mme e tla nna letsomane le le lengwe fela le modisa a le mongwe fela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan