Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:4 - Setswana 1970

4 Mongwe le mongwe o tla nna fa tlase ga setlhare sa moweine sa gagwe le fa tlase ga setlhare sa feie sa gagwe, go se yo o tshosang; gonne molomo wa Morena wa masomosomo o buile jalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi moñue le moñue oa bona o tla lula tlatse ga movina oa gague, le tlatse ga mofeige oa gague; mi go si ope eo o tla boitsañ: gone molomo oa ga Yehova oa lintua o buile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o se buile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:4
25 Iomraidhean Croise  

Bajuta le Baiseraele ba ne ba agile ba le mo thagamong, mongwe le mongwe fa tlase ga moweine wa gagwe le fa tlase ga mofeie wa gagwe go tloga kwa Dane go fitlha kwa Bereseba ka malatsi otlhe a ga Salomo.


Ke ka moo ke ikaeletseng go agela leina la Morena, Modimo wa me, ntlo jaaka Morena a reile rre Dafita a re: ‘Morwao yo ke tla mmayang mo sedulong sa bogosi sa gago boemong jwa gago ke ene yo o tla agelang leina la me ntlo.’


O tla lala go se yo o go tshosang. Ba bantsi ba tla eletsa go go kgatlha.


A dithaba di ungwele batho kagiso, le dithabana di ba ungwele tshiamo.


Ga o na go boifa poitshego ya tshoganyetso, le fa e le tatlhego ya baikepi, fa e tla.


Mme fa lo gana, lo ganetsa, lo tla jewa ke tšhaka; gonne molomo wa Morena o buile jalo.”


Metse ya Aroere e a tlogelwa; matsomane a tla fula, a botha teng, go se yo o a tshosang.


Jaanong go bua Morena wa masomosomo a re: “E tla re ka letsatsi leo lomapo lo lo kokotetsweng mo felong fa go tiileng, lo somoge, lo robege, lo we. Mme morwalo o o mo go lone o tla latlhega, gonne Morena o buile jalo.”


Morena, ba ne ba go batla ba le mo tlalelong; ya re o ba otla, ba rapela ba le mo pitlaganong.


Foo tiro ya tshiamo e tla nna kagiso; leungo la molao e tla nna boikhutso le boiketlo ka go sa feleng.


Lo se ka lwa utlwa Hesekia! Gonne kgosi ya Asiria e bua jaana e a re: Agisanyang le nna, lo tswele kwano go nna. Foo mongwe le mongwe wa lona o tla ja moweine wa gagwe le mofeie wa gagwe le go nwa metsi a sediba se gagwe;


Foo kgalalelo ya Morena e tla bonala, e bonwa ke batho botlhe mmogo. Gonne molomo wa Morena o buile jalo.”


O tla tlhomamisiwa ka tshiamo. O tla nna kgakala le pitlagano, ee, ga o na go boifa sepe, o le kgakala le therego, ee, ga e na go go atamela.


Foo o tla itumela mo Moreneng, mme ke tla go naya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, ke go jesa boswa jwa ga Jakobe rraago.” Gonne molomo wa Morena o buile jalo.


Le gona ke tla di beela badisa ba ba di fudisang, mo di sa tlholeng di boifa le e seng go rerega le e seng go tlhokafala.” Morena o buile jalo.


“ ‘Mme wena, se boife, Jakobe, motlhanka wa me!’ go bua Morena. ‘Se rerege, Iseraele! Gonne bona, ke tla go pholosa kwa kgakala le losika lwa gago mo lefatsheng la botshwaro jwa bone. Jakobe o tla boa, a ikhutsa, a le mo tshireletsong, go se na yo o mo tshosang.


Ke tla dira kgolagano ya kagiso nabo; ke fedisa dibata tse di bosula mo lefatsheng. Ba tla nna mo nageng le go robala mo dikgweng ba iketlile.


Ga ba nke ba tlhola ba nna thopo ya ditšhaba, sebata sa lefatshe ga se nke se ba ja. Ba tla aga ba le mo tshireletsong, go se na yo o ba tshosang.


ò re: “Ke tla bololela lefatshe le le sa agelelwang, ke fitlha kwa go ba ba iketlileng, ba ba agileng mo thagamong; ba ba agileng botlhe, ba se na lobota, ba se na phemelo, le fa e le dikgoro,


E tla re ba ntse gape mo nageng ya bone ba iketlile, go se na yo o ba tshosang, ba lebale kgobo ya bone le boikanyologo jotlhe jwa bone jo ba ikepileng mo go nna ka jona.


“ ‘Ke tla lo naya kagiso mo lefatsheng, mme lo tla robala go se na yo o lo tshosang. Dibata tse di gagolang ke tla di fedisa mo lefatsheng, mme tšhaka ga e kitla e ralala lefatshe la lona.


Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.


Masalela a Iseraele ga a nke a dira tshiamololo le e seng go bua maaka; loleme lo lo tsietsang ga lo nke lo fitlhelwa mo melomong ya bone; ee, bone ba tla ja ba robala, go se yo a ba tshosang.”


Morena wa masomosomo o bua a re: ‘Ka letsatsi leo lo tla laletsanya fa tlase ga setlhare sa moweine le fa tlase ga setlhare sa feie.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan