Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:3 - Setswana 1970

3 Mme o tla atlhola mo gare ga merafe e mentsi, a siamisetsa ditšhaba tse di thata go ya go fitlha kwa kgakala. Mme ba tla thula ditšhaka tsa bone megoma, ba fetola marumo a bone disekele. Setšhaba ga se nke se somola tšhaka go tlhabana le setšhaba se sengwe; ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tsa tlhabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi o tla siamisa mo bathuñ bantsi, mi o tla sekisa merahe e mentsi e e khakala; mi ba tla thula caka tsa bona megoma, le marumo a bona go na lisekela: morahe ga o kitla o ekela morahe caka, mi ga ba kitla ba tlola ba ithuta tlabano.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 O tlaa atlhola fa gare ga ditšhaba di le dintsi, o tlaa kgalemela merafe e e thata e e kwa kgakala; mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone megoma, le marumo a bone dithipa tse di segang mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe o mongwe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta ntwa gope.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:3
40 Iomraidhean Croise  

yo o khutlisang dintwa go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe; yo o robang bora, a robaganye lerumo, a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo!


Tlayang lo lebe ditiro tsa Morena yo o dirang setlhogo mo lefatsheng;


A dithaba di ungwele batho kagiso, le dithabana di ba ungwele tshiamo.


Mo malatsing a gagwe tshiamo e tla tlhoga, kagiso e kgolo e tla nna teng go fitlhelela ngwedi o sa tlhole o le yo.


Tloga o eme, Modimo, o atlhole lefatshe; gonne o tla rua ditšhaba tsotlhe.


gonne o e tla, o tsile go atlhola lefatshe; o tla atlhola lefatshe ka tshiamo le batho ka boammaaruri jwa gagwe.


fa pele ga Morena. Gonne o e tla go atlhola lefatshe. O tla atlhola lefatshe ka tshiamo, le batho ka tshwanelo.


O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano.


Ka ntlha ya moo morafe o o tiileng o tla go galaletsa; motse wa ditšhaba tse di gatelelang o tla go boifa.


Tshiamo ya me e gaufi, pholoso ya me e bolotse. Mabogo a me a tla betsa merafe. Ditlhakatlhake di tla ntebelela, di solofela letsogo la me.


Gonne setšhaba le bogosi, tse di ganang go go direla, di tla latlhega. Mafatshe a tsona a tla fetoga sekaka.


Phiri le kwana di tla fula mmogo. Tau e tla ja bojang jaaka kgomo. Mme dijo tsa noga e tla nna lorole. Ga di nke di utlwisa botlhoko le e seng go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo. Morena o buile jalo.”


gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo.


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


“Ka letsatsi leo ke tla ba direla kutlwano le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi le dilo tse di gagabang fa fatshe; ke tla roba bora le tšhaka le tsa ntwa gore di tswe mo lefatsheng, ke ba ikhutsisa mo phemelong.


Ke tla go beelela ka boammaaruri, mme o tla itse Morena.


ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe, ke ba folosetse kwa mokgatsheng wa ga Josafate, ke sekise merafe teng foo ka ntlha ya morafe wa me le boswa jwa me, e leng Iseraele, ka ba ba phatlaladitse mo ditšhabeng, ba abelana lefatshe la me.


Mme Morena o tla bolola, a tlhabana le ditšhaba tseo, jaaka mo letsatsing le o a tleng a lwe ka lone, mo letsatsing la ntwa.


“Morena wa masomosomo o bua jaana a re: ‘Go sa ntse go tla tla merafe le baagi ba metse e mentsi;


“Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.


gonne o tlhomile letsatsi le o tla atlholang lefatshe ka lone ka tshiamo, ka monna yo o mmeetseng gona, mme o buletse botlhe tsela ya go ka dumela ka go mo tsosa mo baswing.”


Jaanong ka bona legodimo le butswe, ka ba ka bona pitse e tshweu, mme yo o e palameng a bidiwa Boikanyo le Boammaaruri, e le yo o atlholang ka tshiamo, e bile a tlhabana ka yona.


Ba ba lwang le Morena ba tla phatlakanngwa; o tla ba dumisetsa maru kwa legodimong. Morena o tla atlhola dikhutlo tsa lefatshe, a naya kgosi ya gagwe thata, a natlafatsa lonaka lwa motlodiwa wa gagwe.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan