Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:2 - Setswana 1970

2 Ditšhaba tse dintsi di tla tloga di re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa ga Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa mo Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi merahe mentsi e tla ea, e re, Tlañ re tlatlogeleñ go thabeñ ea ga Yehova, go tluñ ea Morimo oa Yakoba: gore o re rute tsela tsa ona, re sepele mo tselaneñ tsa ona: gone molao o tla coa Tsiona, le lehuku ya ga Yehova mo Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Merafe e le mentsi e tlaa fitlha, e re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa le kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; o tlaa re ruta ditsela tsa one, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa one; gonne molao o tlaa tswa mo Sione, le lefoko la ga Jehofa mo Jerusalema.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:2
35 Iomraidhean Croise  

Thobane-ya-bogosi ya thata ya gago, Morena o tla e otlolola a le mo go Sione a re: “Busa mo gare ga baba ba gago.”


Go sego bona ba ditsela tsa bona di itekanetseng, ba ba tsamayang ka fa molaong wa Morena.


Molomo wa me o tla opela ka ga Lefoko la gago; gonne ditaelo tsa gago tsotlhe di siame.


Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita. E rile ba nthaya ba re: “A re yeng kwa Ntlong ya Morena!” ka itumela.


Motho yo o boifang Morena ke mang? O tla mo ruta ka ga tsela e o tshwanetseng go e itlhaolela.


Merafe e mentsi e tla nanoga e re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tle re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa kwa Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”


“Bana botlhe ba gago e tla nna barutwa ba Morena. Kagiso ya bana ba gago e tla nna kgolo.


bone ke tla ba tlisa kwa thabeng e e boitshepo ya me, ke ba itumedisa mo Ntlong ya me ya thapelo. Ditlhabelo tsa bone tsa phiso le ditlhabelo tse dingwe tsa bone di tla nkgatlha mo aletareng ya me. Gonne Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe.”


Ee, letsatsi le tla nna teng gape le badisa ba tla opang mokgosi ka lone mo dithabeng tsa Eferaime ba re: ‘Nanogang, a re yeng kwa Sione, kwa Moreneng, Modimo wa rona.’ ”


A Morena, Modimo wa gago, a re itsise tsela e re ka tsamayang ka yona, le tse re ka di dirang.”


A re itseng Morena, re tlhoafalele go mo itse. O tla tswa ruri jaaka mahube, a tla kwa go rona jaaka pula, le jaaka pula ya dikgakologo e e kolobisang lefatshe.’


Mme masalela a ditšhaba tsotlhe tse di neng di tlile go tlhabana le Jerusalema a tla tla ka ngwaga le ngwaga go obamela kgosi, Morena wa masomosomo, le go dira moletlo wa metlaagana.


“Ditšhaba tse dintsi di tla ineela Morena ka letsatsi leo; ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna nao. Foo o tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwa go wena.


“Mme ke tla thubakanya dikoloi tsa ntwa mo go Eferaime le dipitse mo Jerusalema; bora jwa ntwa bo tla robakanngwa, mme ene o tla rerela ditšhaba kagiso. Puso ya gagwe e tla simologa fa lewatleng go ya go fitlha kwa lewatleng le lengwe; e simologa fa nokeng ya Ferathe go ya go fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.


Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.


le gore go rerelwe merafe yotlhe boikwatlhao jo bo isang boitshwarelong jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.


Gonne go kwadilwe mo baporofeting ga twe: ‘Botlhe ba tla bo ba rutilwe ke Modimo.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara, a ithuta, o tla go nna.


Fa motho a rata go dira thato ya Modimo, o tla itse ka ga thuto gore a e tswa go ona, kampo ke bua se se tswang mo go nna fela.


Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Ya re Bajuta ba tswa mo senagogeng, baheitane ba kopa gore ba bolelelwe mafoko ao le ka Sabata yo o tlang.


ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso le ka thata ya Mowa wa Modimo, mo ke bileng ke tlatsa lefatshe Efangele ya ga Keresete go simolola kwa Jerusalema le mo tikologong go ya go fitlha kwa Ileriko.


“Ke yona taolo le melao le ditshwanelo tse Morena, Modimo wa lona, o laetseng go di lo ruta gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan