Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:13 - Setswana 1970

13 “Tsoga o phothe, morwadia Sione! Gonne ke tla go direla dinaka tsa tshipi le ditlhako tsa kgotlho, mme o tla pšhwetlakanya merafe e mentsi, o fisetsa Morena papadi ya bone ya tshiamololo, Morena wa lefatshe lotlhe o mo fisetsa khumo ya bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Moroaria Tsiona, nanoga u phote: gone ki tla riha naka loa gago tsipi, le litlaku tsa gago khotlo: mi u tla phatlakanya merahe e le mentsi; mi u tla nelela Yehova temohalo ea eona, le nonoho ea eona go Morena oa hatse yeotle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 “Nanoga, o phothe, wena morwadia Sione, gonne ke tlaa dira lonaka lwa gago tshipi, le ditlhako tsa gago kgotlho, mme o tlaa thubaganya ditšhaba di le dintsi;” mme tlhwatlhwa ya bone o tlaa e naya Jehofa, le thoto ya bone o tlaa e naya Jehofa wa lefatshe lotlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:13
28 Iomraidhean Croise  

Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.


Modimo, laela thata ya gago, o itshupe o le thata, wena Modimo o o re diretseng,


Dikgosi tsa Tharesise le tsa ditlhakenyana di tla tsisa dimpho; dikgosi tsa Šeba le Seba di tla ntsha lekgetho.


Ka sebaka seo neo e tla isediwa Morena wa masomosomo kwa felong ga leina la Morena wa masomosomo, kwa thabeng ya Sione; e tswa kwa morafeng wa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, kwa setšhabeng se se laolang thata, se se gatelelang, se lefatshe la sona le kgaoganngwang ke dinoka.


Wena morafe wa me o o phothilweng o o gatakilweng jaaka mabele: Tse ke di utlwileng mo Moreneng wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke di lo itsisitse.


Mme papadi ya gagwe le kgwebo ya gagwe di tla itshepisediwa Morena, di sa phuthwe, di sa bolokwe; gonne khumo ya gagwe e tla direla ba ba agileng fa pele ga Morena gore ba je, ba kgore, ba apare tsa mokgabo.


Metsu ya bona e looditswe, mara otlhe a bona a obilwe; ditlhako tsa dipitse tsa bona di thata jaaka matlapa, maotwana a dikoloi tsa bona a tshwana le ledimo.


“Wena Babele o ne o le noto ya me le sebolai sa ntwa. Ke thubagantse ditšhaba ka wena, ka senya magosi ka wena.


Gonne Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: “Morwadia Babele o tshwana le seboana, fa se katwa. Fa nakonyana e sena go feta, sebaka sa kotulo se tla mo tlela.”


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


“Eferaime ke kgomo ya moroba e e katisitsweng, e e ratang go photha, mme nna ke tla pega joko mo molaleng o montle wa yona; ke tla golega Eferaime, Juta o tla lema, Jakobe o tla thuba makwete.


Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang.


O ralala lefatshe ò gaketse; ò photha ditšhaba ò le bogale.


Ka letsatsi leo ke tla dira Jerusalema lentswe le le bokete thata mo merafeng yotlhe; mongwe le mongwe yo o reng, o a le kuka, o tla ikhutla ka lone mo go botlhoko. Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla phuthega go mo tlhasela.”


“Ka letsatsi leo ke tla dira dikgosana tsa Juta jaaka lengetana le le tshotseng molelo le le mo dikgonnye, le jaaka serumola se se tukang se se mo dingateng tsa korong; di tla nyeletsa merafe yotlhe tikologong mo ntlheng ya le le jang le mo go ya la molema; mme ba Jerusalema ba tla sala ba agile mo felong ga bone mo Jerusalema.”


A nthaya a re: “Tseo ke batlodiwa ba babedi ba ba emeng fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.”


Moengele a nkaraba a re: “Ke diphefo tse nne tsa legodimo tse di bololang di sena go laelwa ke Morena wa lefatshe lotlhe.”


A ka gale ka letsatsi la ntlha la tshipi mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, a kgobokanye ka fa a tlhogonolofaditsweng ka teng, e se ka ya re gongwe fa ke tla, ka fitlhela e le gona go phuthwang.


Mephakarego ya gago e nne ya tshipi le kgotlho. A thata ya gago e lekane le malatsi a gago.”


Mme selefera yotlhe le gouta le dilo tsa kgotlho le tsa tshipi ke tse di boitshepo tsa Morena; a di tsene mo lehumong la Morena.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan