Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:11 - Setswana 1970

11 Morago ga moo ditšhaba tse dintsi di tla phuthega, di go tsogela di re: “A Sione a itshepololwe gore matlho a rona a mo lebe ka kgatlhego.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi yana merahe mentsi e gu phuthegetse, e e reñ, A a tsephololoe, mi a maitlo a rona a lebe Tsiona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Jaana merafe e le mentsi e go phuthegetse, e e reng: “A a leswefadiwe, mme a leitlho la rona le bone keletso ya lone mo Sione.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:11
15 Iomraidhean Croise  

A ba tlhajwe ke ditlhong, ba kate ka morago bona botlhe ba ba tlhoileng Sione.


Ba re: “Tlayang, a re ba nyeletseng gore ba se tlhole ba nna morafe le gore leina la Iseraele le se tlhole le gopolwa.”


Mme ene ga a re jalo, pelo ya gagwe ga e ikaelele jalo, mme pelo ya gagwe e re, ke tla senya ditšhaba tse dintsi, ke di nyeletsa.


A modumo wa merafe e mentsi e e dumang jaaka go suma lewatle! A loratla lwa ditšhaba tse dikgolo tse di gwasang jaaka go gwasa metsi a magolo!


Mme bontsi jwa ditšhaba tsotlhe tse di bolotseng go tlhabana le Ariele le botlhe ba ba lwang le ene le dikago tsa phemelo tsa gagwe, ba ba mo pitlaganyang, ba tla nna fela jaaka toro le pono ya bosigo.


E rile ka ngwaga wa robongwe wa puso ya gagwe ka letsatsi la lesome la kgwedi ya lesome, ga tla Nebukatenesare, kgosi ya Babele, kwa Jerusalema, a na le mephato yotlhe ya batlhabani ba gagwe; ba mo dikanyetsa ka ntwa, ba aga dikago tsa tlhaselo mo tikologong ya gagwe.


“Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: ‘Bona, Tiro, ke tla lwa nao, ke bolotsa ditšhaba tse dintsi gore di go huduegele jaaka go tle go huduege dintelo tsa lewatle.


Morena Modimo o bua jaana o a re: A ga ke re, ke wena yo ke buileng ka ga gago mo metlheng ya bogologolo ka batlhanka ba me, baporofeti ba Iseraele, ba ba neng ba bolelela pele ka dingwagangwaga tsele ba re: ‘Ke tla go ba bololetsa’?


Kana o ne o sa tshwanela go leba letsatsi la tatlhego ya ga monnao ka boitumelo; o ne o sa tshwanela go itumela ka letsatsi la nyelelo ya bana ba Juta; o ne o sa tshwanela go ikgantsha ka letsatsi la pitlagano.


Mmabagadi wa me o tla bona, a khurumediwa ke ditlhong, yo o ntseng a nthaya a re: “O kae, Morena, Modimo wa gago?” Matlho a me a tla mmona ka boitumelo. Jaanong o tla gatakwa jaaka seretse mo mebileng.


Ka letsatsi leo ke tla dira Jerusalema lentswe le le bokete thata mo merafeng yotlhe; mongwe le mongwe yo o reng, o a le kuka, o tla ikhutla ka lone mo go botlhoko. Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla phuthega go mo tlhasela.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan