Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:10 - Setswana 1970

10 Segwa ke leralalo, morwadia Sione, jaaka mosadi yo o belegang. Gonne jaanong o tla tswa mo motseng, o nna mo nageng, o fitlha kwa Babele. Teng koo o tla pholosiwa; teng kwa Morena o tla go golola mo mabogong a baba ba gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Moroaria Tsiona, tlotseriega, mi u belege go tsala, yaka mosari eo e belegañ; gone yana u tla coa mo motseñ, mi u tla nna kua nageñ, mi u tla ea le kua Babelona; hoñ u tla gololoa gona; Yehova o tla gu rekolola gona mo atleñ tsa baba ba gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 O nne botlhoko, mme o leke go belega, wena morwadia Sione, jaaka mosadi yo o mo pelegong; gonne jaanong o tlaa tswa mo motseng o aga mo nageng, o tlaa fitlha le kwa Babilone; o tlaa falodisiwa teng koo; Jehofa o tlaa go rekolola teng mo seatleng sa baba ba gago.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:10
27 Iomraidhean Croise  

Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.”


Ya baa gona ba sutlhelelang mo motseng. Ya re Setekia le banna botlhe ba batlhabani ba bona jalo, ba tshaba ba tswa mo motseng bosigo ka tsela ya kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi e e fa tshimong ya kgosi – Bakalatea ba ntse ba dikanyeditse motse – Setekia a tshaba ka tsela e e yang kwa Lebaleng la Joretane.


Ka moo Morena a ba bololetsa balaodi ba mephato ya kgosi ya Asiria, ba tshwara Manase ka dikobe, ba mmofa dinao ka dikeetane ba mo isa kwa Babele.


Mme ba ba falotseng mo tšhakeng ya ba isa botshwarong kwa Babele, ba nna makgoba a yona le a bomorwaa-yona ga tsamaya puso ya nna ya Baperesia,


“Korese kgosi ya Peresia o bua jaana a re: ‘Morena, Modimo wa legodimo, o nneile magosi otlhe a lefatshe; ke ene yo o ntaetseng gore ke mo agele Ntlo kwa Jerusalema mo Juta. Jaanong le fa e le mang mo go lona yo e leng wa morafe wa gagwe, a Morena, Modimo wa gagwe, a nne nae mme a a boele gona.’ ”


A ba namolela mo seatleng sa yo o ba tlhoileng, a ba golola mo seatleng sa mmaba.


Morena, Mogolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele, o bua jaana a re: “Ke rometse kwa Babele ka ntlha ya lona, mme ke tla folosetsa batshabi botlhe, e leng Bakalatea, kwa mekorong e ba neng ba duduetsa mo go yona.


Ke nna yo ke tsositseng Korese ka tshegofatso; ke tla baakanya ditsela tsotlhe tsa gagwe. Ene o tla aga motse wa me, a golola batshwarwi ba me kwa ntle ga serekololo le kwa ntle ga dimpho.” Morena wa masomosomo o buile jalo.


Tswayang mo Babele, tshabang mo Kalatea! Tlhabang mokgosi wa tuduetso, lo utlwatse, lo ise kitsiso kwa bokhutlong jwa lefatshe lo re: “Morena o golotse Jakobe, motlhanka wa gagwe.”


“Tsaya moitlamo o ò o rekileng o o mo lethekeng la gago, ò nanoge ò ye kwa nokeng ya Ferathe, ò o fitlhe teng mo lofarong lwa mafika.”


Ee, ke tla go pholosa mo diatleng tsa ba ba pelompe, ke go golola mo matsweleng a barena ba ba setlhogo.”


Mme lona batshwarwi botlhe ba ke lo tlositseng mo Jerusalema, ka lo isa kwa Babele, utlwang Lefoko la Morena! –


Gonne ke utlwa selelo e kete sa mosadi yo o segwang ke metlotsedi, sa tlalelo e kete ya yo o belegang ga ntlha. Ke selelo sa morwadia Sione. O a fegelwa, a phutholola mabogo a gagwe a re: “A tatlhego ya me wee! Bophelo jwa me bo wela mo diatleng tsa bampolai, ke se na thata.”


Metse e thopilwe, dikago tsa phemelo mo dithabeng di fentswe. Ka letsatsi leo dipelo tsa bagale ba Moabe di tla tshwana le pelo ya mosadi yo o segwang ke metlotsedi.


Mme kgosi ya Babele ya ba itaya, ya ba bolaela kwa Ribela mo nageng ya Hamathe. Ka mokgwa oo Bajuta ba ne ba ntshiwa mo lefatsheng la bone.


Mme palo ya Baiseraele e tla tshwana le ya motlhaba wa lewatle o o sa ka keng wa lekanngwa ka sepe, le e seng go balwa. Mo boemong jwa go bidiwa “Galobame” ba tla bidiwa “bomorwa Modimo o o phelang.”


Matlhoko a botsalo a tla ba wela, mme bona ke bana ba ba sa tlhalefang: E a re fa nako ya botsalo e fitlhile, ba se ke ba rate go tsalwa.


“Ka moo bonang, ke tla mo eka, ke mo isa kwa sekakeng, ke bua tse di kgatlhang pelo ya gagwe.


Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.


Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.


Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan