Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 4:1 - Setswana 1970

1 E tla re mo malatsing a bofelo, thaba ya Ntlo ya Morena e bo e tlhomame, e okame dithaba, e godisitswe kwa godimo ga dithabana; mme merafe e tla phuthegela kwa go yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI go tla rihala ka metla ea bohelo, thaba ea ntlu ea ga Yehova e tla tlomamisioa mo tloreñ tsa lithaba, mi e tla gorisioa gorimo ga lithabana; mi bathu ba tla elelela go eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 4:1
53 Iomraidhean Croise  

Jaanong Jakobe a bitsa bomorwawe a re: “Phuthegang gore ke lo bolelele tse di tla lo dirafalelang mo metlheng e e tlang.


Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta le e seng lore lwa mmusi fa gare ga dinao tsa gagwe go fitlhelela go be go tle Silo. Ene merafe e tla mo utlwa.


Ka letsatsi la pololo ya gago batho ba gago ba tla tla ka bopelotshweu, ba apere mekgabo ya boitshepo. Mophato wa makau o tla tla kwa go wena, jaaka monyo o tsalwa ke mahube.


Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora; ba ba batlang Morena ba tla mo galaletsa. A dipelo tsa lona di lapologe ka bosakhutleng!


Pesalome e e leng sefela sa boora Kora.


Ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng di tla tla, di obamela fa pele ga gago, Morena, di tlotla leina la gago.


E tla re ka sebaka seo ba letsa lonaka lo logolo, ba ba latlhegetseng kwa lefatsheng la Asiria le ba ba leleketsweng kwa lefatsheng la Egepeto, ba boele kwa gae, ba obamele Morena mo thabeng e e boitshepo mo Jerusalema.


Ke tla raya bokone ke re: ‘Rebola!’ le borwa ke re: ‘Se thibele!’ Tlisa bomorwaake go tswa kgakala le bomorwadiake go tswa bokhutlong jwa lefatshe,


a re: “Ga go lekane, fa o le motlhanka wa me go tsosa ditso tsa ga Jakobe le go busa ba ba bolokilweng ba Iseraele; le gona ke go dirile lesedi la baheitane gore o nne pholoso ya me go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Katolosa manno a tente ya gago; a ba tsharolole masela a meago ya gago. Se rekegele, o leelefatse megala ya tente ya gago, o kokotelele dimapo tsa gago thata.


bone ke tla ba tlisa kwa thabeng e e boitshepo ya me, ke ba itumedisa mo Ntlong ya me ya thapelo. Ditlhabelo tsa bone tsa phiso le ditlhabelo tse dingwe tsa bone di tla nkgatlha mo aletareng ya me. Gonne Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya merafe yotlhe.”


Morena, ò thata ya me le phemelo ya me le botshabelo jwa me mo letsatsing la tlalelo. Baheitane ba tla tla kwa go wena, ba tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe ba re: “Borraetsho ba ne ba ruile maaka fela, e leng medimo ya boithamako e go se nang ope mo go yona o o thusang sepe.


“Miga wa Morešethe o ne a rera mo malatsing a ga Hesekia, kgosi ya Juta, a raya morafe otlhe wa Juta a re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “ ‘Sione o tla lengwa jaaka tshimo, le Jerusalema o tla fetoga marope, le thaba ya Tempele e tla nna thaba ya sekgwa fela.’


Ka sebaka seo Jerusalema o tla bidiwa ‘Sedulo sa bogosi sa Morena’. Ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela teng kwa Jerusalema ka ntlha ya leina la Morena, di sa tlhole di latela bogwadi jwa dipelo tse di bosula tsa bone.


Ba tla tla, ba duduetsa mo thabeng ya Sione, ba itumelela ditshegofatso tsa Morena, e bong mabele le weine le lookwane le dikwanyana le dikgomo. Mewa ya bone e tla tshwana le tshimo e e noseditsweng sentle. Ga ba kitla ba tlhola ba bogisega.


“Mme e tla re mo malatsing a a tlang, ke buse batshwarwi ba Moabe,” go bua Morena. Tsa ka tlholo ya Moabe di felela fa.


O tla bololela Iseraele, morafe wa me, go khurumetsa lefatshe jaaka leru. E tla re ka bofelo jwa malatsi ke go bololetse kwa lefatsheng la me gore ditšhaba di tle di nkitse, mogang ke itshupang mo go wena Gogo, ke le yo o boitshepo fa pele ga matlho a tsona.’


a nkisa kwa lefatsheng la Iseraele ke le mo diponong tsa Modimo, a mpaya mo thabeng e kgolo thata. Mo go yona e kete go ne go agilwe motse mo ntlheng ya borwa.


Molao wa Ntlo ke o: A e nne mo godimo ga thaba, mme naga yotlhe ya teng mo tikologong yotlhe e nne boitshepotshepo. Bonang, ke ona molao wa Ntlo.”


Mme ke tlile go go lemosa se se tla dirafalelang morafe wa ga eno mo malatsing a bofelo. Gonne pono eo le yona e lebile malatsi a bofelo.”


Mme go na le Modimo kwa legodimong o o senolang diphiri; o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tla dirafalang ka malatsi a bofelo. Toro ya gago le dipono tsa tlhogo ya gago mo bolaong jwa gago ke tse:


Tshipi le mmopa le kgotlho le selefera le gouta tsa phatlakanngwa mmogo, tsa nna jaaka moko mo diboaneng tsa mariga; phefo ya di tlosa, ga se ka ga tlhola go bonwa motlhala ope wa tsona, mme lefika le le iteileng setshwantsho seo la fetoga thaba e kgolo, la tlala lefatshe lotlhe.


Mme e tla re ka malatsi a dikgosi tseo, Modimo wa legodimo o tlhome bogosi jo bo sa nyeleleng ka bosakhutleng. Bogosi joo ga bo nke bo amogwa ke morafe o mongwe. Bo tla pšhwetlakanya, bo fedisa magosi aotlhe ao, mme jona bo tla tlhomama ka bosakhutleng,


A neelwa puso le kgalalelo le bogosi, a direlwa ke batho botlhe ba merafe le ditšhaba le dipuo. Puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng e e sa nyeleleng; bogosi jwa gagwe ke jo bo sa fedisiweng ke ope.


Mme baitshepi ba Mogodimodimo ba tla amogela bogosi; bogosi e tla nna jwa bone go ya go ile le ka bosenabokhutlo jotlhe.’


go fitlhelela Rra-metlha-yotlhe a tla, a atlholela baitshepi ba Mogodimodimo; mme nako ya fitlha ya baitshepi go rua bogosi.


Mme bogosi le puso le borena jwa magosi a a fa tlase ga legodimo lotlhe di tla neelwa morafe wa baitshepi ba Mogodimodimo. Bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng. Dipuso tsotlhe di tla mo direla, di mo utlwa.’


Morago ga moo Baiseraele ba tla tlhabologa, ba batla Morena, Modimo wa bone, le Dafita, kgosi ya bone; mo sebakeng sa bofelo ba tla atamela Morena le molemo wa gagwe ka thoromo.


Ka moo Sione o tla lengwa jaaka tshimo ka ntlha ya lona; Jerusalema o tla fetoga marope; thaba ya tempele e tla nna thota ya sekgwa fela.


Lefatshe lotlhe le tla fetoga leboa, go tloga kwa Geba go fitlha kwa Rimone ntlheng ya borwa ya Jerusalema. Mme motse wa Jerusalema o tla bo o okame, o le mo felong ga ona, go simolola kwa Kgorong ya Benyamene go ya felong ga Kgoro ya Kgale le go fitlha Kgorong ya Sekhutlo, le go tloga kwa Kagong ya phemelo ya ga Hananele go fitlha kwa digatelong tsa kgosi.


“Ditšhaba tse dintsi di tla ineela Morena ka letsatsi leo; ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna nao. Foo o tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwa go wena.


Morena o bua jaana a re: ‘Ke boela kwa Sione, ke tla aga mo gare ga Jerusalema, mme Jerusalema o tla bidiwa motse wa boammaaruri, thaba ya Morena wa masomosomo e bidiwa thaba e e boitshepo.’


Gonne go tswa kwa botlhabong jwa letsatsi go fitlha kwa bophirimong jwa lone, leina la me le legolo mo ditšhabeng; mo felong gongwe le gongwe maswalo a fisediwa leina la me le tshupelo e e itshekileng; gonne leina la me le legolo mo ditšhabeng,” go bua Morena wa masomosomo.


‘Modimo wa re: E tla re ka malatsi a bofelo ke tshele Mowa wa me mo bathong botlhe; bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ba tla itsise thato ya Modimo, makau a lona a tla lora ditoro.


wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.


Itseng pele gore mo malatsing a bofelo go tla tla basotli ba ba tsamayang ka fa dikeletsong tsa bone, ba sotla


Jaanong moengele wa bosupa a letsa; mme ga utlwala mantswe a magolo mo legodimong a re: “Puso ya lefatshe e diregile ya Morena wa rona le ya Motlodiwa wa gagwe; o tla busa ka bosakhutleng.”


Ke mang yo o se kitlang a go boifa Morena, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; merafe yotlhe e tla tla, e obamela fa pele ga gago; ka gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di senogile.”


Ka ba ka bona ditulo tsa bogosi, mme baatlhodi ba nna mo go tsona, ba neelwa katlholo; gape ka bona mewa ya ba ba kgaotsweng ditlhogo ka ntlha ya go ipolela Jesu le ka ntlha ya Lefoko la Modimo, ba sa obamela sebata le e seng setshwantsho sa sona, ba sa ipaya letshwao mo diphatleng le mo diatleng; ba tsoga, ba busa mmogo le Keresete dinyaga di le kete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan