Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:8 - Setswana 1970

8 Mme nna ke tletse thata le Mowa wa Morena; ke tletse tshiamo le bopelokgale gore ke bolelele Jakobe tlolo ya gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi amarure ki tletse nonoho ka Moea oa ga Yehova, le tsiamisho, le bogañka, go bulelela Bayakoba tlolo ea bona, le Bayeserela boleo yoa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Mme nna, ruri, ke tletse nonofo ka mowa wa ga Jehofa, le katlholo, le bonatla, go kakanyetsa Jakobe tlolo ya gagwe, le Iseraele boleo jwa gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:8
28 Iomraidhean Croise  

Gonne ke tletse mafoko; mowa o o mo teng ga me o a ntlhotlheletsa.


“Kua thata, se tshabe go swa lentswe! Le tsholetse jaaka lonaka, o itsise morafe wa me boikepo jwa ona le ba lotso lwa ga Jakobe maleo a bone!


Mowa wa Morena Modimo o mo go nna, ka gonne Morena o ntloditse, a nthoma go rerela babogisegi mafoko a boitumelo le go alafa ba ba pelo-di-phatlogileng le go itsise batshwarwi kgololo le ba ba golegilweng go bulwa ga kgolegelo,


le go bega ngwaga wa bopelotlhomogi wa Morena le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; e le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng,


Mme bona, kajeno nna ka nosi ke go dirile motse o o femetsweng, le tshipi-lore le dipota tsa kgotlho gore o palele lefatshe lotlhe le dikgosi tsa Juta, le dikgosana tsa gagwe, le baperesiti ba gagwe le batho ba ba mo nageng.


Jaanong fa ke re: “Ga nkitla ke tlhola ke mo gopola le e seng go bua mo leineng la gagwe,” foo go nne jaaka molelo o o fisang mo pelong ya me, o o tswaletsweng mo marapong a me. Ke itapisitse go itshoka, mme ke paletswe.


Mme ke tletse kgalefo ya Morena, ke palelwa ke go e thibela.” Ke fa Morena a re: “E goromeletse mo ngwaneng yo o mo mmileng le mo kgobokanong ya makau mmogo. Ee, le gona go tshwarwa monna le mosadi le monna mogolo le yo o tsofetseng thata.


Baporofeti ba gago ba go rutile maaka a boithamako; ba sa go supetse maleo a gago le e seng go faposa botshwaro jwa gago; ba go rerela ditaelo tsa Modimo tse e seng tsona, mme e le tse di isang mo tatlhegong.


“Morwa-motho, itsise Jerusalema makgapha a gagwe


“A o tla ba sekisa? A o tla ba kgalemela, morwa-motho? Ba itsise maleo a borraabo,


“Wena morwa-motho, a o tla sekisa, a o tla atlhola motse o o tsholotseng madi? O bolelela maleo otlhe a ona


Morena a mpotsa a re: “Morwa-motho, a ò tla atlhola Ohola le Ohodiba? Ba itsise he maleo a bone!


Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.


“Mme wena morwa-motho, begela Baiseraele Ntlo eo, o e ba tlhalosetse gore ba tlhajwe ke ditlhong ka ntlha ya melato ya bone. A ba lekanye setshwantsho sa yona.


gonne o ne a ba ruta jaaka yo o nang le thata, e seng jaaka Baitsedikwalo ba bone.


le Jakobo, morwa Sebeteo, le Johane, morwa-rraagwe Jakobo; bone a ba okeletsa leina la Boaneregese, ke go re: Bomorwa tumo ya maru;


Gape, thuto ya me le thero ya me ga di a ka tsa dirafala ka mafoko a a kgonang ka botlhale, mme e ne e le ka tshupo ya Mowa le ya thata,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan