Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:7 - Setswana 1970

7 Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Ereha gona balebi ba tla tlayoañ ki litloñ, le baitseanape ba tla tsiañoa: mi ba tla bipa literu tsa bona botle; gone go si kitla go na karabo ea Morimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Baboni ba tlaa tlhajwa ke ditlhong, le baitseanape ba tlaa silofala. Ee, ba tlaa ipipa melomo botlhe, gonne go se na karabo epe ya Modimo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:7
19 Iomraidhean Croise  

Ga re bone ditshupo tsa rona; ga go tlhole go le moporofeti ope. Ga go ope mo go rona yo o itseng gore go tla tswelela go ya leng.


Mme dingaka tsa palelwa ke go ema fa pele ga Moše ka ntlha ya ditlhagala; gonne dingaka di ne di dulwe ke ditlhagala le Baegepeto botlhe.


Ke nna yo ke nyeletsang ditshupo tsa baporofeti ba tsietso, ke dira baitseanape ditlaela; ke nna ke busetsang matlhale kwa morago, ke fetola kitso ya ona bosilo fela.


Ke fa ba re: “Tlayang, a re logeleng Jeremia maano! Gonne thuto ya moperesiti ga e nke e tlhokafala, le e seng kgakololo ya yo o botlhale, le e seng lefoko la moporofeti. Tlayang, a re mo iteeng ka loleme, mme re se ka ra tlhokomela lefoko lepe la gagwe!”


ò fegelwe ka tidimalo; ò se ka wa direla moswi wa gago khutsafalelo. Rwala kuane, ò be ò rwale ditlhako mo dinaong. Se ipipe ditedu. Se je bogobe jwa mogoga.”


Jaanong lo tla dira jaaka ke dirile: Ga lo nke lo ipipa ditedu, le e seng go ja bogobe jwa mogoga.


“Jaanong molepero yo o nang le bolwetse joo, a diaparo tsa gagwe e nne tse di gagotsweng, mme moriri wa gagwe o nne malepelepe ka botlhaswa; a be a bipe ditedu tsa molomo, a goe a re: ‘Ke itshekologile! Ke itshekologile!’


Morena Modimo o bua a re: “Bonang, malatsi a e tla a ke tla romelang tlala mo lefatsheng ka ona, e seng tlala ya bogobe le e seng lenyora la metsi, mme e le leuba la go utlwa mafoko a Morena.


Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula.


Ba ditšhaba ba tla bona, ba tlhoboga thata yotlhe ya bona; ba tla itshwara melomo, ba thibala ditsebe.


Ka letsatsi leo baporofeti ba tla tlhajwa ke ditlhong, mongwe le mongwe ka ntlha ya pono e a reng o e bonye, fa a re o bolela Lefoko la Modimo. Ga ba kitla ba apara kobo ya boporofeti e e boboa gore ba tle ba tsietse ka yona.


Ke fa Saule a botsa Modimo a re: “A ke fologe, ke latelele Bafelesita? A o tla ba neela mo diatleng tsa Baiseraele?” Mme wa se ka wa mo araba ka letsatsi leo.


Mme Samuele a raya Saule a re: “O ntshwenyetsang ka go mpitsa?” Saule a re: “Ke tlaletswe thata. Bafelesita ba tlhabana le nna, mme Modimo o ntlogetse; ga o tlhole o nkaraba le e seng ka baporofeti le e seng ka ditoro. Ke ka moo ke go biditseng gore o nkitsise se ke tshwanetseng go se dira.”


Saule a botsa Morena, mme Morena a se ka a mo araba, e seng ka ditoro le e seng ka Lesedi le e seng ka baporofeti.


E ne ya re bogologolo mo Iseraeleng fa motho a ya go botsa Modimo a bue jaana a re: “Tlaya a re ye kwa go Mmoni.” Gonne yo e leng Moporofeti kajeno, kgale o ne a bidiwa Mmoni.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan