Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:5 - Setswana 1970

5 “Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 ¶ Go bua Yehova yalo kaga baperofeti ba ba timetsañ bathu ba me, ba ba lomañ ka meno a bona, mi ba bitsa, ba re, Kagisho: mi eo o sa tsenyeñ melomo ea bona, ba makanyetsa tlabano:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Jehofa o bua jaana ka ga baperofeti ba ba timetsang batho ba me; ba ba lomang ka meno mme ba kue, ba re: “Kagiso,” mme yo o sa tsenyeng sepe mo ganong la bone, ba mmaakanyetse ntwa fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:5
25 Iomraidhean Croise  

Go gobelelela motho ga go a siama. Monna o ka tlogela tshiamo le ka ntlha ya thathana ya bogobe fela.


Balaodi ba morafe wa me ke basimane ba ba matepe, basadi ba a o busa. Morafe wa me! Baeteledipele ba gago ba a go timetsa, ba dubakanya tsela e o ka bong o sepela ka yona.


go loga maano a go lebatsa morafe wa me leina la me ka ditoro tsa bone tse ba di bolelelanang, jaaka borraabo ba lebetse leina la me ka ntlha ya ga Baale?


Bonang, ke tla ba otla ba ba rerang ditoro tsa maaka,” go bua Morena; “ba a di bolela, ba timetsa morafe wa me ka maaka a bone le ka boikgantsho jwa bone; mme nna ga ke a ba roma, ga ke a ba laela sepe; le go thusa morafe o, ga ba o thuse sepe.” Morena a re jalo.


Mme ba alafa tshenyego ya morafe wa me ka botlhofo fela ba re: ‘Kagiso! Kagiso!’ le fa kagiso e se yo.


Ba re: “Mmaakanyetseng tlhabano! Nanogang, a re bololeng e sa le motshegare! A tatlhego ya rona wee, gonne letsatsi le ngotlegile! Meriti e setse e le meleele.


Baporofeti ba gago ba go rutile maaka a boithamako; ba sa go supetse maleo a gago le e seng go faposa botshwaro jwa gago; ba go rerela ditaelo tsa Modimo tse e seng tsona, mme e le tse di isang mo tatlhegong.


Letsogo la me le tla lwa le baporofeti ba ba bonang dipono tsa tsietso, ba ba buang boitseanape jwa maaka. Ga ba nke ba nna mo phuthegong ya morafe wa me le e seng go kwalwa mo lokwalong lwa Baiseraele, le e seng go boela kwa nageng ya Baiseraele, gore lo tle lo itse, fa ke le Morena Modimo.


Mme o tla wa motshegare, moporofeti le ene a wa nao bosigo; e bile ke tla nyeletsa mmaago.


Tlhabang mokgosi mo ditšhabeng o o reng: Ipaakanyetseng ntwa, tsosang diganka, atamelang lo bolole, lona batlhabani botlhe.


Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o.


Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”


“Mme lona lo fapogile mo tseleng, lwa usa ba bantsi ka thuto e e seng yona; lo sentse kgolagano ya Balefi,” go bua Morena wa masomosomo.


Ba leseng; ke difofu tse di gogang difofu. Mme fa sefofu se goga sefofu, di tla wela mmogo mo kgatamping.”


“Itiseng mo baporofeting ba e seng bone, ba ba tlang go lona ba apere diaparo tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolang.


Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan