Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:4 - Setswana 1970

4 Ka sebaka se sengwe ba tla goela kwa Moreneng, mme ga a nke a ba utlwa; o tla ba subela sefatlhego ka sebaka seo, gonne ba dirile ditiro tse di bosula.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Ereha gona ba tla khayayegelañ go Yehova, mi ga a kitla a ba utlua: mi o tla ba shubela hatlogo sa gague mo motleñ ouo, gone ba borisitse tiho tsa bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Foo ba tlaa goela kwa go Jehofa, mme ga a ketla a ba araba; ee, o tlaa ba subela sefatlhogo sa gagwe mo motlheng oo, ka fa ba dirileng bosula ka teng mo ditirong tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:4
26 Iomraidhean Croise  

A Modimo o tla utlwa go goa ga gagwe, fa tlalelo e mo wela?


Ruri, Modimo ga o utlwe dilelo tsa boithamako; Mong-wa-thata-yotlhe ga a di ele tlhoko.


Le gona o tshabisitse baba ba me gore ba nkhularele; ba ba ntlhoileng ka ba nyeletsa.


Foo ba tla mpitsa, mme ga nke ke araba; ba tla mpatla, mme ga ba nke ba mpona.


Yo o ithibang ditsebe gore a se ka a utlwa molao, thapelo ya gagwe le yona ke maila.


“Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi.


A tatlhego ya moikepi wee! O tla nna mo botlhokong, gonne o tla welwa ke tse a di dirileng ka diatla tsa gagwe.


Ke gona ka moo Morena o buang jaana a re: “Bonang, ke tla ba tlisetsa tatlhego, e ba sa ka keng ba kgona go falola mo go yona. Mme le fa ba ka goela kwa go nna, ga nkitla ke ba utlwa.


Le fa ba ka itima dijo, ga nka ke ka utlwa mekokotlelo ya bone; le fa ba ka tlisa setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo, ga nka ke ka ba itumelela; mme ke tla ba feleletsa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo.”


‘Le fa ba tlile gore ba tlhabane le Bakalatea, ke go tlatsa matlo ditoto tsa batho fela; kana ke ba bolaile ke le bogale, ke galefile; kana motse o ke o fitlhetse sefatlhego sa me ka ntlha ya bosula jotlhe jwa bone bao.


Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?


Ka moo le nna ke tla ba direla ka bogale. Leitlho la me ga le kitla le rekegela; ga nkitla ke tlhomoga pelo. Mme le fa ba goa mo ditsebeng tsa me ka kgoo e kgolo, ga nkitla ke ba utlwa.”


Baboni ba tla tlhajwa ke ditlhong, baitseanape ba tlhabiwa ke kgala. Ba tla itshwara ditedu botlhe, gonne ga go na karabo epe ya Modimo.


Mme lefatshe le tla fetoga sekaka ka ntlha ya baagi ba lone, e le leungo la ditiro tsa bone.


Mme go dirafetse jaana: E rile fa Morena a ba bitsa, ba gana go mo utlwa; le nna e rile ba mpitsa, ka gana go ba utlwa,” go buile Morena wa masomosomo.


Ba bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re: ‘Morena, Morena, a ga re a ka ra rera Lefoko la Modimo ka leina la gago, ra ba ra leleka medemone ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro tse dikgolo ka leina la gago?’


E tla re mong wa ntlo a sena go nanoga, a tswala mojako, lo simolole go ema ka fa ntle, lo konyakonya lobati lo re: ‘Morena, re bulele!’ a lo arabe a re: ‘Ga ke lo itse, le kwa lo tswang teng.’


Kana re itse gore Modimo ga o utlwe baleofi; mme fa mongwe a boifa Modimo, a dira ka fa thatong ya ona, Modimo o a mo utlwa.


Gonne katlholo ga e nke e nna le kutlwelo-botlhoko mo go ene yo o neng a se na kutlwelo-botlhoko; mme kutlwelo-botlhoko e fenya tshekiso.


Ka sebaka seo lo tla lela ka ntlha ya kgosi e lo e itlhophetseng, mme foo Morena ga a kitla a lo utlwa.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan