Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:2 - Setswana 1970

2 Lona ba lo ilang tse di molemo, lo ratang tse di bosula; ba lo buang batho letlalo, lo gagolang nama ya bone mo marapong;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Lona ba lo ilañ molemo, le go rata boshula; lo huma matlalo a bona go bona, le nama ea bona go marapo a bona;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ba lo ilang molemo, lo rata bosula; ba lo ba khumolotseng letlalo le nama mo marapong a bone;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:2
32 Iomraidhean Croise  

Ahabe a fetola Elia a re: “A o ntshwere, mmaba wa me?” Elia a re: “Ke go tshwere, ka o ineetse go dira tse di bosula mo matlhong a Morena.


Ke fa mmoni Jehu morwa Hanani a mo kgatlhantsha, a raya kgosi Josafate a re: “A ke tshwanelo go thusa moikepi? A o rata ba ba tlhoileng Morena? Ke ka moo bogale jwa Morena bo go tukelang.


yo molatlhegi a nyatsegang mo matlhong a gagwe, mme a tlotla ba ba boifang Morena; yo e a reng a ikanetse sengwe, a se ke a fetoge, le fa a ka senyegelwa;


Ba fapogile botlhe, ba senyega mmogo; ga go ope yo o dirang molemo, le e seng a le mongwe fela.


Ba ba tlogelang molao ba boka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba a ba galefela.


Lo dirwa ke eng fa lo gataka morafe wa me jaana, lo tšhwetlakanya difatlhego tsa batlhaki?” go bua Morena, Modimo wa masomosomo.


A tatlhego ya bone wee ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba ba fetolang lefifi lesedi, le lesedi lefifi; ba ba fetolang bogalaka botshe, le botshe bogalaka!


Ke tla itsise tshiamo ya gago le ditiro tsa gago, ga di na go go thusa sepe.


“Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana a re: ‘Ba ba bolailweng ke lona, ba lo ba namaladitseng mo go ona, bone ke dinama, ona ke pitsa, mme lona, ke tla lo ntsha mo go ona.


Dikgosana tsa teng di mo gare ga lone jaaka diphiri tse di garolang phologolo gore di tsholole madi, di bolae batho gore di bone khumo ka kgwebo ya tshiamololo.


Tsenya dinama mo go yona; dinama tsotlhe tse di bonolo tsa dirope le tsa mabogo; e tlatse marapo a a tlhophilweng.


Lo ja mašwi, lo apara boboa, lo tlhaba tse di nonneng, mme letsomane ga lo le fudise.


Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”


Tlhoang tse di bosula, ratang tse di molemo, dirang tshiamo mo lekgotleng; ka gongwe Morena, Modimo wa masomosomo, o tla utlwela masalela a ga Josefa botlhoko.


“Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong.


Baboifi-Modimo ba fedile mo lefatsheng. Ga go na ope wa nnete mo bathong. Ba lalela madi botlhe, ba thaisanya ka letloa.


Diatla tsa bone di maatlametlo go dira bosula. Se kgosana e se lopang moatlhodi o se bua ka ntlha ya tuelo. Fa motho yo mogolo a bolela se mowa wa gagwe o se eletsang, baatlhodi ba se dirafatsa ka go sokamisa mafoko.


Dikgosana tsa ona tse di mo teng ga ona ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba ona ke diphiri tse di tlang ka lotlatlana, tse di sa ipeeleng sepe sa letsatsi la ka moso.


Mme ba motse wa ga gabo ba bo ba mo tlhoile, ba roma barongwa go mo latela ba re: ‘Ga re rate gore yo a re buse.’


Ba goa botlhe gape ba re: “E seng yoo, mme a e nne Barabase!” Barabase ene e ne e le senokwane.


Lefatshe ga le ka ke la lo tlhoa, mme nna le ntlhoile; gonne nna ke ntse ke supa ka ga lone gore ditiro tsa lone di bosula.


ba e reng ba ntse ba itse molao wa Modimo wa go re, bone ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke loso, ba sa di direng fela, mme e bile ba itumelela ba bangwe ba ba di dirang.


A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo.


ba ba se nang lorato, ba ba sa itshwareleng, ba ba latofatsang, ba ba sa itsholeng sentle, ba ba sa itshwareng, ba ba sa rateng sepe se se molemo,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan