Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 3:1 - Setswana 1970

1 Ke ne ka re: “A ko lo utlweng, lona ditlhogo tsa Jakobe le lona dikgosana tsa Baiseraele! A ga lo a tshwanela go itse tshiamo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ka re, A ko lo utlue, lona tlogotlogo tsa Bayakoba, le lona balaori ba ntlu ea Yeserela; a ga loa cuanela go itse tsiamisho?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ke rile: Ke a lo rapela, utlwang lona ditlhogo tsa ba Jakobe, le balaodi ba ntlo ya Iseraele. A ga se tiro ya lona go itse katlholo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 3:1
21 Iomraidhean Croise  

Ka omanya batlotlegi ba Juta, ka ba raya ka re: “Ke tse dimpe jang tse lo di dirang ka go itshepolola letsatsi la Sabata!


A botlhe ba ba dirang tshiamololo ga ba na kitso, bona ba ba metsang batho ba me jaaka ba ja senkgwe? Morena ga ba mmitse.


Lona balaodi ba Sotoma, utlwang Lefoko la Morena! Wena morafe wa Gomora, sekegela molao wa Modimo wa rona tsebe!


gore ba thibele tshiamelo ya ba ba kwa tlase, ba amoge se se tshwanetseng bakaelelelwi ba morafe wa me; gore batlholagadi e nne thopo ya bone, mme ba thukhuthe masiela.


Bonang, dikgosana tsa Iseraele tse di mo go wena, nngwe le nngwe e ikgantsha ka letsogo la yona, gore di tsholole madi.


“Morwa-motho, rera o kgalemele badisa ba Iseraele, rera ò ba ree o re: ‘Lona badisa, Morena Modimo o bua jaana a re: A tatlhego wee ya badisa ba Iseraele ba ba iphudisang! Badisa a ga ba a tshwanela go fudisa letsomane?


Lo ja mašwi, lo apara boboa, lo tlhaba tse di nonneng, mme letsomane ga lo le fudise.


Mme a nthaya a re: “Molato wa Baiseraele le wa Bajuta o mogolo thata thata. Lefatshe le tletse melato ya go tsholola madi, motse o tletse tshiamololo. Gonne ba re: ‘Morena o tlogetse lefatshe; Morena ga a re bone.’


“Utlwang fa, lona baperesiti! Elang tlhoko, lona Baiseraele! Sekegang ditsebe, lona ba kgosing! Gonne kotlo e lebanye lona, ka lona lo ne lo le digole tsa Mitsepha le matloa a a thaisitsweng mo Thabore,


Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”


A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.


Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone.


Ke bua jalo go lo tlhabisa ditlhong. A ruri ga go na ope yo o botlhale mo go lona, le fa e le a le mongwe fela, yo o ka atlholang fa gare ga modumedi le mongwe-ka-ene?


“O ipeele baatlhodi le baokamedi mo metseng yotlhe ya gago e Morena, Modimo wa gago, o tla e go nayang ka fa ditsong tsa gago; a ba direle morafe tshiamo ka go atlhola ka tshiamo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan