Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:6 - Setswana 1970

6 Ba rera ba re: “Lo se ka lwa rera! Mafoko a, ga a tshwanela go rerwa; kgobo ga e na go re wela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Ba re, Si perofeseñ, a go perofese ba ba sa perofeseñ ga lilo tse: likhobo ga li khutle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 “Lo se ka lwa perofesa,” go tlhola go bua bone. “Ga ba ketla ba perofesetsa tsone tse; dikgobo ga di ketla di tloga.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:6
21 Iomraidhean Croise  

Ga re bone ditshupo tsa rona; ga go tlhole go le moporofeti ope. Ga go ope mo go rona yo o itseng gore go tla tswelela go ya leng.


Gonne Morena o lo goromeleditse mowa wa thulametso, a lo bipa matlho, e leng baporofeti; a lo khurumetsa ditlhogo, e bong baboni.


ba ba rayang baboni ba re: ‘Lo se ka lwa bona;’ ba raya baporofeti ba re: ‘Lo se ka lwa re rerela boammaaruri! Re boleleleng tse di ka re kgatlhang; re rereleng tsa tsietso!


“Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa borwa, o rerele borwa, o bolelele pele ka ga sekgwa sa naga ya teng.


“Morwa-motho, lebisa sefatlhego sa gago kwa Jerusalema, o rerele Felo-fa-go-Boitshepo, o bolelele pele ka ga naga ya Iseraele.


Le gona ke tla kgomaretsa loleme lwa gago mo magalapeng a gago gore o nne semumu. Ga o nke o nna mokgalemedi wa bone, gonne ke losika lwa baitaodi.


“Mme lona lo nositse baikiledi weine, lwa laola baporofeti lwa re: ‘Lo se ka lwa bolela Lefoko la Modimo.’


Mme o se tlhole o bolela Lefoko la Modimo mo Bethele; gonne ke felo ga boitshepo ga kgosi, e bile ke tempele ya morafe.”


Jaanong utlwa Lefoko la Morena: Ke wena o reng: ‘Se bolelele thato ya Modimo ka ga Baiseraele, se kgalemele ba ntlo ya lsaka.’


“Ka moo bosigo bo tla lo wela jo bo se nang pono le lefifi le le se nang boitseanape. Letsatsi le tla phirimela baporofeti, motshegare o tla nna montsho fela mo go bone.”


Gonne melao ya ga Omeri e a tshegediwa, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe; lo sepela ka fa dikgakololong tsa bone gore ke tle ke go dire sekaka se se tshosang, le baagi ba sona ke ba dire tshotlego; lo tla rwala kgobo ya morafe wa me.”


Fela, a re ba kgalemeleng gore ba se tlhole ba bua le motho ope ka leina le, gore go se ka ga tlhola go anamela mo bathong.”


a re: “A ga re a ka ra lo laya thata gore lo se tlhole lo ruta mo leineng le? Mme bonang, lo tladitse Jerusalema thuto ya lona, lo bile lo rata go baya madi a motho yoo mo go rona.”


Ya re ba sena go bitsa baapostolo, ba ba betsa, ba ba iletsa gore ba se tlhole ba bua mo leineng la ga Jesu; ba be ba ba lesa ba tsamaya.


“Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupisiwang mo dipelong le mo ditsebeng, ka metlha lo ganetsa Mowa o o Boitshepo; le lona lo tshwana fela le borraeno.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan