Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:5 - Setswana 1970

5 Ka moo ò tla bo o se na ope mo phuthegong ya Morena yo o go lekanyetsang boswa ka mogala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ki gona lo si kitlañ lo na le ope eo o gololelañ lori ka kelero mo phuthegoñ ea ga Yehova.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ke gone ka mo o se ketlang o dira le ope yo o namalatsang lodi go lekanya matlhagare mo phuthegong ya ga Jehofa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:5
12 Iomraidhean Croise  

ga tsamaya Morena a tlosa Baiseraele fa pele ga sefatlhego sa gagwe jaaka a ne a bôpa ka batlhanka botlhe ba gagwe e bong baporofeti. Baiseraele ba ne ba ntshiwa jalo mo nageng ya bone, ba isiwa botshwarong kwa Asiria, ba nna teng go fitlha letsatsing leno.


fa a re: “Ke tla go naya lefatshe la Kanana go nna kabelo ya boswa jwa lona;”


Ba ba tswang go boa kwa Thelemela le Theleharesa le Kerube le Atone le Imere, mme ba se ka ba kgona go supa kgoro ya bone le Boiseraele jwa bone, ke ba:


Melelwane e ntiteetse ka fa mafelong a a monate. Ee, ke na le boswa jo bontle.


Ga ba nke ba nnela ruri mo lefatsheng la Morena, mme Eferaime o tla boela kwa Egepeto; ba tla ja tse di sa itshekang kwa Asiria.


Mme Moše a laela Baiseraele a re: “Ke lone lefatshe le lo tshwanetseng go le kgaogana ka tengwa gore e nne la lona, le Morena o laetseng go le naya ditso di le 9 le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase.


Morena a ba a raya Moše a re:


Motho wa madi a a tlhakanyeng a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena; le wa losika lwa some lwa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong ya Morena.


Bana ba bone ba ba tsalwang mo losikeng lwa boraro ba ka tsena mo phuthegong ya Morena.


E rile Mogodimodimo a abela ditšhaba boswa, ya re a kgaoganya bana ba batho, a sega melelwane ya merafe ka fa palong ya Baiseraele.


Ke fa Jošua a ba tlhamela tengwa mo Silo fa pele ga Morena; Jošua a abela Baiseraele lefatshe ka fa ba rulagantsweng ka teng.


Ntshang banna ba bararo mo lotsong longwe le longwe; ke tla ba roma gore ba nanoge ba ralale lefatshe, ba le kwale ka fa ba ka le abelwang ka teng, ba be ba boele kwano go nna.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan