Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:11 - Setswana 1970

11 Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Ha moñue a sepela ka moea oa tsieco a aka, a re, Ki tla lo perofeseletsa boyaloa le boyaloa yo bo thata; eo ki moperofeti oa bathu ba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 “Fa monna yo o sepelang ka mowa wa tsietso a aka, a re: ‘Ke tlaa go perofesetsa ka ga bojalwa jwa mofine le ka ga bojalwa jo bo loileng;’ e bo e le ene yo o tlaa nnang moperofeti wa batho ba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:11
35 Iomraidhean Croise  

Mme ena a mo raya a re: “Le nna ke moporofeti jaaka wena, mme moengele o buile le nna ka taelo ya Morena a re: ‘Mmusetse nao kwa ntlong ya gago gore a ye go ja dijo le go nwa metsi.’ ” Mme a mo aketsa jalo.


Ke fa kgosi ya Iseraele e kgobokanya baporofeti, e ka ne e le banna ba le 400, e ba botsa e re: “A ke ke ye go lwela Ramothe kwa Gileate, kampo ke lese?” Ba araba ba re: “Bolola, Morena o tla mo neela mo diatleng tsa kgosi.”


Fa ke dirile ka bolotsana, fa dinao tsa me di akofetse go tsietsa


Monna yo o ipokang ka dineo, mme a sa di ntshe, o tshwana le maru le phefo tse di sa neseng pula.


Mme ba mono le bone ba theekela ka weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Moperesiti le moporofeti ba theekela ka bojalwa, ke digole tsa weine, ba thekesediwa ke bojalwa. Ba a thekesela, fa ba bona pono; ba theekela fa ba atlhola.


Banna ba bagolo le batlotlegi ke bone tlhogo; baporofeti le baruti ba maaka ke bone mogatla.


Mme Morena a nthaya a re: “Tse baporofeti ba di rerang mo leineng la me ke maaka fela. Ga ke a ba roma le e seng go ba laela sepe le e seng go bua nabo. Ba lo rerela dipono tsa maaka le boitseanape jwa boithamako le tsietso ya dipelo tsa bone.”


Mme mo baporofeting ba Jerusalema ke bonye tse di boitshegang: Ba senya nyalo, ba sepela ka maaka, ba tiisa diatla tsa basenyi gore go se ka ga boa ope mo bosuleng jwa gagwe. Mo go nna ba tshwana botlhe le ba Sotoma, le baagi ba teng ba ntse jaaka ba Gomora.”


Ba ntse ba raya ba ba nnyatsang ba re: ‘Morena a re: Kagiso e tla nna le lona;’ ba raya botlhe ba ba sepelang mo thatafalong ya dipelo tsa bone ba re: ‘Ga go na kotsi e e ka lo welang.’ ”


“Ke utlwile sentle se baporofeti ba se buang, ba ba rerang maaka mo leineng la me ba re: ‘Ke lorile! Ke lorile!’


Bonang, ke tla ba otla ba ba rerang ditoro tsa maaka,” go bua Morena; “ba a di bolela, ba timetsa morafe wa me ka maaka a bone le ka boikgantsho jwa bone; mme nna ga ke a ba roma, ga ke a ba laela sepe; le go thusa morafe o, ga ba o thuse sepe.” Morena a re jalo.


Jaanong moporofeti Jeremia a raya moporofeti Hananya a re: “A ko o utlwe, Hananya! Morena ga a go roma. Mme wena o timeditse morafe o gore ba ikanye maaka.


Baporofeti ba rutile lefoko la Modimo ka maaka, baperesiti ba goga nabo, mme morafe wa me o rata tse di ntseng jalo. Mme lo tla dira eng, fa dilo tseo di feleletse?


Baporofeti ba gago ba go rutile maaka a boithamako; ba sa go supetse maleo a gago le e seng go faposa botshwaro jwa gago; ba go rerela ditaelo tsa Modimo tse e seng tsona, mme e le tse di isang mo tatlhegong.


“ ‘E re ka lo boifisitse dipelo tsa basiami ka maaka, tse nna ke neng ke sa rate go di utlwisa botlhoko; lwa tiisa diatla tsa baikepi gore ba se ka ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula, le gore ba se ka ba phedisiwa,


Le gona ga ba goele go nna ka dipelo tsa bona, fa ba lela mo malaong a bona; ba iphatsa ka ntlha ya mabele le matute a moweine, ba a nthukhutlhegela.


Ditlhogo tsa teng di atlhola ka ntlha ya thelesetso; baperesiti ba ruta ka ntlha ya tuelo; baporofeti ba teng ba bolela tsa boitseanape ka ntlha ya selefera. Mme ba ntse ba re ba ikanya Morena ba re: “Morena a ga a mo gare ga rona? Ga go na kotsi e e ka re welang.”


“Baporofeti ba ba timetsang morafe wa me, ba e a reng ba fiwa dijo, ba rere kagiso; mme yo o sa lokeleng sepe mo maganong a bone, ba mo tsosetsa ntwa e e boitshepo,” Morena o bua jaana ka ga bona a re:


Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle.


Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.


Baratwi, lo se ka lwa dumela mowa mongwe le mongwe, mme lo leke mewa gore a e tswa mo Modimong; gonne baporofeti ba bantsi ba maaka ba bololetse mo lefatsheng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan