Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 2:10 - Setswana 1970

10 Lo re: ‘Tlogang lo tsamae, gonne fano ga go na boikhutso!’ Ka ntlha ya boitshekologo lo tla nyelediwa ka nyelelo e e sa foleng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Nanogañ, lo ee; gone ha, ga si helo ga boikhuco: ka go itsekolocoe, go tla senya, mi tsenyo e tla na e e thata.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Nanogang, lo tsamaye; gonne fa ga se felo ga boikhutso jwa lona; ka ntlha ya bomaswe jo bo senyang, e bong ka tshenyo e e botlhoko.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 2:10
20 Iomraidhean Croise  

gona ke tla nyeletsa Baiseraele mo nageng e ke e ba neileng. Le Ntlo e ke e itshepiseditseng leina la me ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, mme Baiseraele ba tla fetoga seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe.


Ka sebaka sa ga Pheka kgosi ya Iseraele ga tla Thigelathe-Philesere kgosi ya Asiria, a thopa Iyone le Abele-Bethe-Maaga le Janoa le Keteše le Hasore le Gileate le Galelea, e bong naga yotlhe ya Nafetale, a isa batho ba teng mo botshwarong kwa Asiria.


Ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Asiria ya thopa Samaria, ya isa Baiseraele mo botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore noka ya Gosane le mo metseng ya Media.


foo ke tla lo kumola, ke lo tlosa mo lefatsheng la me le ke le lo neileng. Mme Ntlo e, e ke e itshepiseditseng leina la me, ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, ke e dira seane le tshotlego mo merafeng yotlhe.


Ba tsholola madi a a se nang molato, – madi a bomorwaa-bone le bomorwadia-bone, ba ba tlhabela medimo ya diseto ya Bakanana; – lefatshe la itshepololwa jalo ka polao eo.


Ke gona ka moo ke ikanneng mo bogaleng jwa me ka re: ‘Ga ba nke ba tsena mo boikhutsong jwa me.’ ”


Gonne Morena o bua jaana a re: “Bonang, ka nako e ke tla latlhela baagi ba lefatshe kwa kgakala jaaka go konopiwa ka seragamajwe; ke ba isa mo tlalelong gore ba tle ba ipone.”


“Tsholeletsa matlho kwa dithabaneng tse di iphotlhereng, o bone gore ke fa kae, fa o sa tlotlolelwang teng? O ne o ba nnela fa ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago.


Gonne go utlwala sefela sa khutsafalo se se tswang kwa Sione se re: “Joo! Re gateletswe jang! Re tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo; gonne re na le go tlogela lefatshe, ka ba rutlile meago ya rona.”


“Morwa-motho, e rile Baiseraele ba ntse ba le mo nageng ya bone, ba e itshekolola ka tsamao ya bone le ka ditiro tsa bone. Tsamao ya bone fa pele ga me e ne e tshwana le leswe la mosadi yo o iponang.


Ka ba falaletsa kwa baheitaneng, ba phatlalalediwa kwa mafatsheng; ka ba atlhola ka fa tsamaong ya bone le ka fa ditirong tsa bone.


Gonne ga lo ise lo fitlhe kwa boikhutsong le kwa bosweng jo Morena, Modimo wa lona, o tla bo lo nayang.


gona ke lo itsise kajeno gore lo tla latlhega tota; ga lo kitla lo phela malatsi a mantsi mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go tsena mo go lone go le rua.


gona ke lo biletsa legodimo le lefatshe kajeno go nna basupi ba gore ruri lo tla latlhega ka pele, lo tlosiwa mo lefatsheng le lo tla tshelang Joretane go ya teng go le rua; gona ga lo kitla lo nna sebaka se seleele mo go lone, mme ruri, lo tla nyelediwa.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan