Mike 2:1 - Setswana 19701 A tatlhego ya bone wee, ba ba akanyang tsa bokgopo, ba ba logang maano a a bosula mo malaong a bone; e re bosigo bo sa, ba bo dire ka thata e le mo diatleng tsa bone. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)1 GO latlega bona ba ba logañ tsiamololo, ba ba shulatsañ mo malaoñ a bona! ba bo riha ka phepahalo ea mosho, gone bo sale mo thateñ ea atla tsa bona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo1 A bo go latlhega ba ba akanyetsang boikepo, le ba ba dirang bosula ba le mo malaong a bone! E tle e re bosa bo sele ba bo dire, ka go le mo thateng ya seatla sa bone. Faic an caibideil |
Ke fa Hamane a raya kgosi Ahasewerose a re: “Go na le morafe mongwe o o faletseng, o o lomologanyeng le ba bangwe mo gare ga merafe mo mafatsheng otlhe a puso ya gago. Mme melao ya ona ga e tshwane le ya morafe ope. Le gona ga ba dire ka fa melaong ya kgosi. Kana ga go a tshwanela kgosi go ba lesa jalo.