Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:9 - Setswana 1970

9 Gonne dintho tsa teng tsa kotlo ya Morena ga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Gone kuenisho tsa ona e le tsa loshu; gone e tlile go Yuda; e hitlile khoroñ ea bathu ba me, kua Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Gonne dintho tsa gagwe ke tse di sa kakeng tsa fodisiwa, gonne go fitlhile le mo Juta; go fitlhile kwa kgorong ya batho ba me, e bong kwa Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:9
15 Iomraidhean Croise  

Dikgoro tsa Sione di tla lela, di hutsafala; o tla nna fela e le matlotla.


E rile ka ngwaga wa 14 wa kgosi Hesekia, Saneheribe, kgosi ya Asiria, a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a e thopa.


Ke fa kgosi ya Asiria e roma mothoki yo mogolo kwa go kgosi Hesekia kwa Jerusalema, a na le mephato e megolo ya batlhabani, a tswa kwa Lagiše; a tla a ema fa moseleng wa letsha le le kwa godimo fa tseleng ya tshimo ya motlhatswi wa masela.


Ke ka ntlhaang, fa botlhoko jwa me bo sa khutle, le ntho ya me e le e e sa foleng, e e ganang go alafiwa? A ka nnete ke tla fitlhela ò tshwana le noka e e aketsang, le metsi a a sa ikanyegeng?


Yaa go tsaya boroku jo bo alafang kwa Gileate, wena lekgarebe, morwadia Egepeto! Mme o batlela ditlhare tse dintsi lefelafela; ga o na go fola.


Ruri, baagi ba Marothe ba lelela tse di monate; gonne tatlhego e fologile mo Moreneng, ya fitlha kwa dikgorong tsa Jerusalema.


le nna ke tla go itaya botlhoko, ke go fetola sekaka ka ntlha ya maleo a gago.


Thubego ya gago ga e na go baakanngwa; ntho ya gago ke e e sa foleng. Botlhe ba ba utlwang kitsiso ka ga gago ba go opela diatla; gonne ke mang yo o neng a sa dirafalelwe ke bosula jo o bo dirileng ka metlha?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan