Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:8 - Setswana 1970

8 Ka ntlha ya moo ke rata go hutsafala le go lela, ke rata go tsamaya, dinao di sa rwesiwa, ke sa apara; ke rata go lela jaaka diphokojwe le go hutsafala jaaka bontlokwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 ¶ Ki gona ki tla hutsahalañ ki goa, ki tla ea ki icaile ki sa ikatega: ki tla cosa selelo yaka liphiri, le khutsahalo yaka liince.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Ke tlaa thomeletsa ke bokolela ka ntlha ya moo, ke tlaa tsamaya fela ke itšhaile ke le loforotlho fela; ke tlaa thomeletsa ka selelo jaaka bophokoje, ke khutsa jaaka bontšhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:8
19 Iomraidhean Croise  

Ka ngwaga wa 14 wa puso ya kgosi Hesekia Saneheribe kgosi ya Asiria a bololela metse yotlhe e e femetsweng ya Juta, a ba a e thopa.


E rile Moretogai a sena go utlwa tsotlhe tse di dirilweng, a ikgagola diaparo, a apara lesela la kgetse, a itshela molora; a ba a tswela kwa gare ga motse, a tlhatlosa lentswe, a lela selelo se segolo se se galakang.


Ke fetogile morwa-rraatso-diphokojwe le selekane sa bontšhwe.


Marapo a me a kgomaretse nama ya me ka ntlha ya go duma ga me mo go thata.


Dibatana tsa sekaka di tla botha teng, matlo a bone a tlala marubisi, bontšhwe ba tla nna gona, didimo tsa sekaka di bina teng.


Matlhalerwa a tla lela mo matlong a borena a teng le diphokojwe mo dikagong tsa botlhapelwa. Sebaka sa gagwe se gaufi le go tla. Malatsi a gagwe ga a diege.”


Ka moo ke lelela ditlhare tsa moweine tsa Sibema jaaka di lelelwa ke Jasere; lona Hešebone le Eleale ke lo tsholelela dikeledi, gonne moduduetso wa baba o wetse mo letlhafuleng la lona le mo thobong ya lona.


Ke gona ka moo letheka la me le tletseng botlhoko jaaka e kete ke segwa ke metlotsedi ya mosadi yo o belegang. Ke obegile mo ke bileng ke sa utlwe, ke tshogile mo ke bileng ke sa bone.


Ke ka moo ke reng: “Se ntebeng, ke na le go lela ka bogalaka; se itapiseng go nkgomotsa ka ga tshenyego ya morwadiake, e bong morafe wa me.”


Roromang, lona basadi ba lo iketlileng! Teteselang, lona barweetsana ba lo tlhokomologang! Apolang gotlhe, lo apare diaparo tsa bohutsana.


Mala a me wee! Mala a me wee! Ke a tetesela, ke boifela pelo ya me go phatloga. Pelo ya me e huduega mo go nna. Ke palelwa ke go didimala. Gonne mowa wa me o utlwile modumo wa lonaka le mokgosi wa tlhabano.


Ao! Tlhogo ya me e ka bo e le metsi, le leitlho la me e ka bo e le motswedi wa dikeledi gore ke lelele ba ba bolailweng ba morwadia morafe wa me bosigo le motshegare!


Ke tla lelela dithaba, ke di hutsafalela, ke tlhaba sefela sa khutsafalo ka ga mafulo a naga, gonne a tubakegile, go se na ope yo o a ralalang; le gona ga go utlwale melelo ya matlhape; dinonyane tsa loapi le diphedi tsotlhe di tshabile, di ile.


Gonne go utlwala sefela sa khutsafalo se se tswang kwa Sione se re: “Joo! Re gateletswe jang! Re tlhajwa ke ditlhong tse dikgolo; gonne re na le go tlogela lefatshe, ka ba rutlile meago ya rona.”


“Morwa-motho, lelela morafe wa Egepeto; bone le bomorwadia merafe e e tumileng, ò ba kgoromeletse kwa mafelong a a kwa tengteng ga lefatshe, kwa go ba ba fologetseng kwa felong ga baswi.


Ka letsatsi leo ba tla tlhaba sefela sa tshotlo ka ga lona, ba opela sefela sa khutsafalo ba re: “ ‘Go dirafetse, re gateletswe ruri. Kabelo ya morafe wa me Modimo o dira ba bangwe beng ba yona. O e tlosa jang mo go nna! O abela baikepi masimo a rona.’ ”


Ke fa le ene a apola diaparo tsa gagwe a duduetsa fa pele ga Samuele, a namalala fa fatshe, a sa ikatega motshegare otlhe oo le bosigo jotlhe joo. Ke ka moo go tweng: “A Saule le ene ke moporofeti?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan