7 Medimo ya diseto yotlhe ya teng e tla thubaganngwa; dituelo tsotlhe tsa boaka tsa teng di tla fisiwa ka molelo; medimo yotlhe ya ditshwantsho ya teng ke tla e senya; gonne o di phuthile e le tuelo ya seaka, di tla ba di fetoga tuelo ya seaka gape.”
7 Mi licuanco tse ri setiloeñ tsa ona cotle li tla thubagañoa, mi tuelo cotle tsa ona li tla hisioa ka molelo, mi licuanco tsa merimo cotle tsa ona ki tla li senya: gona oa li phutha ka tuelo ea seaka, mi li tla boela mo tueloñ ea seaka.
7 Le ditshwantsho tsotlhe tsa gagwe tse di setilweng di tlaa thubaganngwa, le dituelo tsotlhe tsa gagwe di tlaa fisiwa ka molelo, le medimo ya gagwe ya disetwa, ke tlaa di swafatsa tsotlhe fela; gonne o di phuthile ka tuelo ya seaka, mme di tlaa boela mo tuelong ya seaka.
E rile tsotlhe tseo di sena go wediwa Baiseraele botlhe ba ba neng ba le teng ba bolola ba ya kwa metseng ya Juta, ba thubaganya majwe a a motloutlo, ba rema medimako ya Ašera, ba diga dithota tsa tlhabelo le dialetare mo nageng yotlhe ya Juta le Benyamene le Eferaime le Manase, ga tsamaya ba di nyeletsa. Ya ba gona Baiseraele botlhe ba boelang kwa metseng ya bone, mongwe le mongwe a ya legaeng la gagwe.
E tla re dinyaga tse di somasupa di sena go feta, Morena a tlhokomele Tiro; mme Tiro o tla boela mo kgwebong ya gagwe, a bapadisanya le dipuso tsotlhe tsa mafatshe tse di leng teng mo lefatsheng.
Ka moo ge, molato wa ga Jakobe o tla itshwarelwa, fa a ka thubaganya matlapa otlhe a dialetare jaaka go thubaganngwa mangwete a kalaka, mme medimako ya Ašera le majwe a a motloutlo a letsatsi di sa tlhole di tsosiwa. Go dira jalo e tla nna leungo lotlhe la go itshwarelwa ga gagwe.
Mo gotlhe mo lo agileng teng, metse e tla fetolwa marope, dithota tsa tlhabelo di tla senngwa gore dialetare tsa lona di tlogelwe, di thubaganngwe gore medimo e e maila ya lona e phatlakanngwe, e fedisiwe, le majwe a a motloutlo a letsatsi a digwe le dibopiwa tsa lona di nyelediwe.
Ke tla senya setlhare sa moweine le sa feie tsa gagwe tse a rileng: ‘Ke tuelo e ke e filweng ke dinyatsi tsa me.’ Ke tla di fetola sekgwa se se jewang ke diphologolo tsa naga.
Gonne mmaabo o akafetse; yo o ba tsetseng o dirile tsa ditlhong. Gonne o rile: ‘Ke rata go sala dinyatsi tsa me morago, tse di mphang bogobe le metsi le maboa a dinku le letseta le lookwane le tse di nowang.’
Ke tla nyeletsa dithota tsa tlhabelo tsa lona, ke kumola majwe a a motloutlo a letsatsi a lona, ke latlhela ditoto tsa lona mo godimo ga ditoto tsa medimo e e maila ya lona, mme pelo ya me e tla lo tenegela.
O se ka wa tlisa tuelo ya seaka sa mosadi kwa ntlong ya Morena, Modimo wa gago, le e seng madi a a rapileng ntšwa, le fa e le ka ntlha ya maikano afe; gonne ka bobedi jwa tsona ke maila mo Moreneng, Modimo wa gago.
Mme boleo jwa lona jo lo bo dirileng, e bong namane ele ka e tsaya, ka e fisa ka molelo, ka e thuga, ka e sila, ka e notetsa ga tsamaya ya ba ya nna lerole le le boleta, ka ba ka latlhela lerole la yona mo nokaneng e e fologang mo thabeng.
Ka gonne merafe yotlhe e nole bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe, dikgosi tsa lefatshe di akafetse nae, babapatsi ba lefatshe ba humisitswe ke bogolo jwa bofafalele jwa gagwe.”
Jaanong ya re ba phakela ka moso o mongwe, ba fitlhela Dagone gape a ole, a patlame fa pele ga Letlole la Morena, a kgaotswe tlhogo le diatla di le fa serepoding; go setse mmele wa gagwe fela.