Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:4 - Setswana 1970

4 Dithaba di tla gakologa fa tlase ga gagwe, mabala a phatloga jaaka mmotu mo molelong le jaaka metsi a a fologang mo thabeng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi lithaba li tla tlapologa tlatse ga gague, mi megorogoro e tla tsetseregana yaka makhaha ha pele ga molelo, yaka metse a a goromericoeñ mo phologoñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Dithaba di tlaa tlhapolosiwa fa tlase ga gagwe, le melapo e tlaa tsetseregana, jaaka makgafa fa pele ga molelo, jaaka metsi a a thelegang ka fa maphothophothong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:4
12 Iomraidhean Croise  

Modimo o mo teng ga ona, ga o kitla o tshikinyega; Modimo o a o thusa, fa bosigo bo sa.


Fa Modimo o nanoga, baba ba ona ba phatlalala; ba ba o tlhoileng ba tshaba fa pele ga ona.


Dithaba di gakologa fa pele ga Morena jaaka mmotu wa dinotshe, fa pele ga Morena wa lefatshe lotlhe.


Morena Modimo wa masomosomo ke ene yo o amang lefatshe gore le gakologe, mme go hutsafale botlhe ba ba agileng mo go lone; le be le gogomoge lotlhe jaaka noka ya Nile, le be le kokobele jaaka noka ya Egepeto.


Dithaba di roroma fa pele ga gagwe, dithabana di a gakologa; lefatshe le tshikinyega fa pele ga sefatlhego sa gagwe, ee, lefatshe le botlhe ba ba agileng mo go lone.


Fa dithaba di go bona, di a roroma. Morwalela o a feta. Lewatle le a duma, le tsholeletsa mabogo kwa godimo.


Fa o ema, o roromisa lefatshe; fa o leba, o tsibosa ditšhaba; dithaba tse di sa khutleng di a phatlakanngwa, dithabana tsa bogologolo di a kokobela, tse e leng metsamao ya ona ya kgale.


Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa.


Jaanong ka bona sedulo sa bogosi se segolo se sesweu le yo o ntseng mo go sona, yo legodimo le lefatshe di tshabileng sefatlhego sa gagwe, mme tsa se ka tsa bonelwa bonno.


Morena, e rile fa o tswa kwa Seire, ya re o gata o tlhaga nageng ya Etomo lefatshe la roroma, magodimo a rotha, maru a rotha metsi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan