Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:3 - Setswana 1970

3 Gonne bonang, Morena o tla tswa mo felong ga gagwe, a fologa, a gata mafelo a a kwa godimo a lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Gone bonañ, Yehova o coa mo heloñ ga gague, mi o tla hologa, a gata mahelo a a gorimo a lehatse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Gonne bonang, Jehofa o tswa mo felong ga gagwe, mme o tlaa fologa, o tlaa gata mafelo a a godimo a lefatshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:3
15 Iomraidhean Croise  

Leba botlhe ba ba ikgodisang o ba inamise; o gatake baikepi fa ba leng teng!


Athe Modimo wa rona o mo legodimong, o dira tsotlhe tse o ratang go di dira.


Gonne seatla sa Morena se tla nna mo thabeng e, mme Moabe o tla gatakelwa fa fatshe mo felong ga gagwe jaaka go gatakwa dikokole mo metsing a kgatampi ya malôkô.


Gonne bonang, Morena o tla akofa a tswa mo felong ga gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone.


Ke fa Mowa o ntsholetsa, ke utlwa lentswe la loratla lo logolo fa morago ga me le re: “A go bakwe kgalalelo ya Morena e e tlogang mo felong ga yona.”


Gonne bonang, ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, a itsise batho maikaelelo a gagwe, a dira mahube le lefifi, a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe: Leina la gagwe ke Morena Modimo wa masomosomo.


Morena Modimo wa masomosomo ke ene yo o amang lefatshe gore le gakologe, mme go hutsafale botlhe ba ba agileng mo go lone; le be le gogomoge lotlhe jaaka noka ya Nile, le be le kokobele jaaka noka ya Egepeto.


Modimo Morena ke thata ya me; o dira maoto a me jaaka a ditshephe; o ntsamaisa mo mafelong a a kwa godimo a me. Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa.


Ka letsatsi leo maoto a gagwe a tla bo a eme mo Thabeng ya Diolefa e e lebaganyeng le Jerusalema, mo ntlheng ya botlhabatsatsi; mme Thaba ya Diolefa e tla phatloga go tloga bogareng jwa yona go ya kwa botlhabatsatsi le go ya kwa bophirimatsatsi, go be go tswa mokgatsha o mogolo thata; ntlha nngwe ya thaba e tla sutela kwa bokone, ntlha e nngwe ya yona kwa borwa.


“A mo palamisa mafelo a a godimo a lefatshe, a mo jesa maungo a naga, a mo nosa mafura a semana mo lefikeng le lookwane mo majweng a legakwa


Iseraele, o wa letlhogonolo! Ke mang yo o tshwanang nao? O morafe o o pholosiwang ke Morena. Ke ene thebe e e go thusang le tšhaka e e go godisang. Baba ba gago ba tla go tlakisa, mme wena o tla gata dithota tsa bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan