Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:16 - Setswana 1970

16 Ipeole o itire lefatla ka ntlha ya bana ba ba go natefelang; atlhamolosa lefatla la gago jaaka la lenong, gonne ba tlositswe mo go wena e le batshwarwi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 U icemole tlogo, mi e tlobe ka bana ba gago ba ba rategañ; u atla-molose icemolo ea gago yaka lenoñ; gone ba isicoe bacuaroi go coa go uena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Itsue tlhogo, mme o itšhemole ka ga bana ba natefelo ya gago; atlhamolosa tsuego ya gago jaaka ya lenong; gonne ba dule mo go wena ba ile botshwarong.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:16
18 Iomraidhean Croise  

Ka ngwaga wa robongwe wa puso ya ga Hosea kgosi ya Asiria ya thopa Samaria, ya isa Baiseraele mo botshwarong kwa Asiria, ya ba baya kwa Hala le fa Habore noka ya Gosane le mo metseng ya Media.


Ya ba gona Jobe a nanogang, a ikgagola diaparo, a ipeola tlhogo, a ba a wela fa fatshe, a rapela a khubame


Ba ya kwa tempeleng, ba Dibone ba tlhatlogela kwa dithoteng tsa tlhabelo go lela teng. Bamoabe ba goa mo godimo ga Nebo le mo godimo ga Meteba. Botlhe ba beotswe ditlhogo, ditedu tsotlhe di pomilwe.


Ya re ka letsatsi leo Morena, Modimo wa masomosomo, a ba biletsa selelong le khutsafalong le go ipeoleng le go apareng diaparo tsa boikwatlhao,


“Ba bagolo le ba bannye ba tla swa mo lefatsheng le, ba sa fitlhwe, ba sa hutsafalelwe; go se na ba ba iphatsang, le fa e le ba ba ipeolang ka ntlha ya bone.


Ka ntlha ya tseo itlameng ka diaparo tsa bohutsana; hutsafalang lo goe! Gonne bogale jo bo tukang jwa Morena ga bo a tloga mo go rona.”


Gasa o kutilwe tlhogo, Ašekalone o sentswe, le masalela a leboa la bone. O tla iphatsa go fitlha leng?


Morwadia morafe wa me, apara diaparo tsa bohutsana, o ipidikanye mo moloreng, o hutsafale jaaka go lelelwa ngwana yo o esi ka selelo sa bogalaka. Gonne mogateledi o tla tla, a re wela ka tshoganyetso.


“ ‘Ipeole moriri o montle, o o latlhe; tlhaba sefela sa khutsafalo mo dithabaneng tse di iphotlhereng! Gonne Morena o latlhile, a leleka losika lo a lo galefetseng.’


Tsoga o goe bosigo, ka tshimologo ya ditiso tsa bosigo! Tsholola tsa pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga Morena! Tsholeletsa diatla kwa go ene ka ntlha ya bophelo jwa bana ba gago ba ba tsibikelang ka tlala mo dikhutlong tsa mebila tsotlhe.


Gonne Amose o buile jaana a re: ‘Jerobeame o tla swa ka tšhaka, mme Baiseraele ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”


Ke ka moo Morena a buileng jaana a re: ‘Mosadi wa gago o tla fetoga seaka mo motseng, bomorwao le bomorwadio ba tla wa ka tšhaka, tshimo ya gago e tla kgaoganngwa ka mogala, mme wena o tla swela mo nageng e e itshekologileng; Baiseraele bone ruri ba tla tlosiwa mo lefatsheng la bone, ba isiwa botshwarong.’ ”


Ke tla fetola meletlo ya lona khutsafalo, le difela tsotlhe tsa lona dilelo; ke apesa matheka otlhe ka diaparo tsa khutsafalo, ke dira ditlhogo tsotlhe mafatla; ke lo tlisetsa khutsafalo ya ba ba swetsweng ke ngwana yo o esi, mme bokhutlo jwa teng bo tshwana le letsatsi le le galakang.”


O tla tsala bomorwa le bomorwadi, mme e tla bo e se ba gago; gonne ba tla ya mo botshwarong.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan