Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:12 - Setswana 1970

12 Ruri, baagi ba Marothe ba lelela tse di monate; gonne tatlhego e fologile mo Moreneng, ya fitlha kwa dikgorong tsa Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Gone monni oa Marota o tlukuhalela lithoto tsa gague: gone boshula bo hologile mogo Yehova go ea kua khoroñ ea Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Gonne monni wa Marothe o lebeletse molemo ka khidiego; gonne bosula bo fologile kwa go Jehofa bo tsile kgorong ya Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:12
9 Iomraidhean Croise  

Gonne ke ne ke solofetse tse di molemo, ga tla tse di bosula; ke ne ke lebeletse lesedi, ga tla lefifi.


Ke nna yo ke bopang lesedi, le gona ke tlhola lefifi; ke dira pholoso, le gona ke tlhola tatlhego. Ke nna Morena yo o dirang dilo tsotlhe tse.


A ò latlhetse Juta ruri? Gongwe a Sione o tenne Mowa wa gago? Ke ka ntlhaang, fa ò re otlile mo go se nang kalafo? Re ne re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela letshogo fela.


Re lebeletse kagiso, mme ga go na sepe se se molemo; le sebaka sa kalafo, mme re fitlhela therego fela.


Gongwe a go ka lediwa lonaka fela mo motseng, batho ba sa tshoge? A kotsi e ka dirafalela motse e Morena a sa e dirafatsang?


Gonne dintho tsa teng tsa kotlo ya Morena ga di na go fola, ka di fetetse kwa Juta, di fitlhile kwa kgorong ya morafe wa ga etsho, kwa Jerusalema.


Mme a ba raya a re: “Se mpitseng Naomi . Mpitseng Mara . Gonne Mong-wa-thata-yotlhe o ntiretse tse di galakang thata.


A goroga, a fitlhela Eli a dutse mo sedulong fa thoko ga tsela a lebeletse, ka pelo ya gagwe e ne e boifela Letlole la Modimo. Monna yoo a tsena, a begela motse tse o di bonyeng. Ke fa motse otlhe o lela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan