Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:11 - Setswana 1970

11 Hudugang, lona baagi ba Safire , lo le bosaikatega jo bo tlhabisang ditlhong! Baagi ba Saanane ga ba tswe. Khutsafalo e mo Bethetshele : Mmaba o ikemisa go simolola kwa go lona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Heta, monni oa Shafira, u le lohorotlo le litloñ: monni oa Tsanana ga a coe; khutsahalelo ea Betaetsela, e tla gu tukuthela boemo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Fetang lo yeng koo, wena monni wa Shafire, ka loforotlho le ka ditlhong; monni wa Saanane ga a a tswa; thomeletso ya Betheesele e tlaa lo tlosetsa boemo jwa gone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:11
12 Iomraidhean Croise  

Bomorwadia Moabe ba tla nna jaaka dinonyane tse di tshabang le jaaka mamphorwana a sentlhaga a a tshositsweng, kwa matsibogong a Arenone.


Kgosi ya Asiria e tla gapa Baegepeto ba ba thopilweng le bathotšwa ba Ethiopia jalo, ba bašwa le ba bagolo, ba sa ikatega, ba sa rwala sepe mo dinaong, marago a sa apesiwa, e le go tlhabisa Baegepeto ditlhong.


Mme fa o ka ipotsa mo pelong o a re: “Ke ka ntlhaang, fa ke dirafaletswe ke tseo?” Ke ka ntlha ya molato o mogolo wa gago, fa o apotswe mosese, fa o gateletswe direthe.


Tshabang lo ipolokele bophelo, lo nne jaaka setlhatshana mo sekakeng.


“Nayang Moabe diphuka gore a fofe a tshabe. Metse ya gagwe e tla fetoga marope a go sa tlholeng go nna ope mo go ona.”


Ruri, ke ka moo ke tla kgobokanyang barati botlhe ba gago ba o ba kgatlhileng le botlhe ba o ba ratileng mmogo le botlhe ba o ba tlhoileng. Ke tla ba kgobokanya mo ntlheng tsotlhe gore ba lwe nao, ke ba senolela bosaikatega jwa gago gore ba bone ditlhong tsotlhe tsa gago.


Ba tla go direla ka letlhoo, ba thopa tsotlhe tse o di itiretseng, ba go tlogela ò sa ikatega, ò sa apara sepe. Ditlhong tsa boaka jwa gago di tla senolwa. Kgokafalo ya gago le boaka jwa gago


Ka ntlha ya moo ke rata go hutsafala le go lela, ke rata go tsamaya, dinao di sa rwesiwa, ke sa apara; ke rata go lela jaaka diphokojwe le go hutsafala jaaka bontlokwe.


“Bona, ke tla go otla,” go bua Morena wa masomosomo. “Ke tla tsholetsa mosese wa gago, ke go bipa sefatlhego ka ona, ke bontsha ditšhaba bosaikatega jwa gago le magosi ditlhong tsa gago.


Mme lo tla tshabela mo mokgatsheng wa dithaba tsa me, gonne mokgatsha wa dithaba o tla fitlha kwa Asele; lo tshaba jaaka lo kile lwa tshaba thoromo ya lefatshe mo malatsing a ga Usia, kgosi ya Juta. Foo go tla tla wena Morena, Modimo wa me, o na le baitshepi botlhe.


Le Senane le Hataša le Migetale-Gate


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan