Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Mike 1:1 - Setswana 1970

1 Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Miga wa kwa Morešethe mo malatsing a ga Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, la tse o di bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 LEHUKU ya ga Yehova ye le ya rihahalela Mike oa Morasheta ka metla ea ga Yotame, le Ahase, le Yehisikie, likhosi tsa Yuda; ye o le bonyeñ kaga Samaria le Yerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Mika wa Morašete, mo metlheng ya ga Jothame, Ahase, le Hesekia, dikgosi tsa Juta, e le lefoko le o le bonyeng ka ga Samaria le Jerusalema.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Mike 1:1
27 Iomraidhean Croise  

Jothame morwa Usia kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Pheka morwa Remalea kgosi ya Iseraele.


Mme Morena a betsa kgosi, mme ya bolawa ke lepero go fitlha letsatsing la loso lwa yona, ya nna mo ntlong e e kwa thoko. Mme Jothame morwa kgosi o ne a e tshwarelela, a okamela ntlo ya bogosi a busa batho ba lefatshe.


Ahase morwa Jothame kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa 17 wa puso ya ga Pheka morwa Remalea.


Hesekia morwa Ahase kgosi ya Juta o ne a simolola go busa ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Hosea morwa Ela, kgosi ya Iseraele.


Ahase o ne a le dinyaga di le 20, fa a nna kgosi, a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema; fela a se ka a dira tse di siameng mo matlhong a Morena jaaka Dafita rraagwe mogolwagolwane.


Hesekia o ne a nna kgosi a le dinyaga di le 25, a busa dinyaga di le 29 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Abia morwadia Sagaria.


Pono ya ga Jesaya, morwa Amotse, e o e bonyeng ka ga Juta le Jerusalema mo malatsing a ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta.


Lona magodimo, utlwang; wena lefatshe, sekega tsebe! Gonne Morena o bua a re: “Ke otlile bana, ka ba godisa, mme bone ba ikepile mo go nna.


Mo metlheng ya ga Ahase, morwa Jothame, morwa Usia, kgosi ya Juta, ga bolola Resine, kgosi ya Siria, a ya kwa motseng wa Jerusalema go tlhabana le ona, a na le Pheka, morwa Remalea, kgosi ya Iseraele, mme a se ka a kgona go tlhabana le ona.


Tlhogo ya Eferaime ke Samaria, tlhogo ya Samaria ke morwa Remalea. “ ‘Fa lo sa dumele, ga lo ka ke lwa tlhomama.’ ”


“Miga wa Morešethe o ne a rera mo malatsing a ga Hesekia, kgosi ya Juta, a raya morafe otlhe wa Juta a re: ‘Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “ ‘Sione o tla lengwa jaaka tshimo, le Jerusalema o tla fetoga marope, le thaba ya Tempele e tla nna thaba ya sekgwa fela.’


Lefoko la Morena le le tsileng kwa go Hosea, morwa Beeri, mo sebakeng sa ga Usia le Jothame le Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, le mo sebakeng sa ga Jerobeame morwa Joase, kgosi ya Iseraele.


“Le fa wena, Iseraele, o rata go akafala, a Juta a se ka a dira molato oo! Lo se ka lwa ya kwa Gilegala, lo se ka lwa tlhatlogela kwa Bethawene, lo se ka lwa ikana lo a re: ‘Ka Morena yo o phelang!’


“E re ka Iseraele a lebetse Mmopi wa gagwe, a aga matlo a borena, le ka Juta a agile bontsi jwa metse e e femetsweng, ke tla tshuba metse ya gagwe ka molelo o o jang matlo a teng a borena.”


Mafoko a ga Amose yo e neng e le mongwe wa barui ba dinku kwa Thekoa, a tse o di bonyeng ka ga Iseraele mo metlheng ya ga Usia, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, morwa Joase, kgosi ya Iseraele, dinyaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe.


A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.


Tsotlhe tse, di tla ka ntlha ya boikepo jwa Jakobe le ka ntlha ya maleo a Baiseraele. Ke mang yo o leofisitseng Jakobe? A ga se Samaria? Dithota tsa tlhabelo tsa Juta di tswa kae? A ga di tswe kwa Jerusalema?


A ko lo utlwe fa, lona ditlhogo tsa ntlo ya Jakobe, le lona dikgosana tsa Baiseraele, ba lo tenwang ke tshiamo, ba lo sokamisang tsotlhe tse di siameng!


Lefoko la Modimo le moporofeti Habakuke o le bonyeng.


gonne ga go ise go ke go tle polelelopele ka go rata ga motho, mme batho ba ba boitshepo ba Modimo ba buile, ba tlhotlheleditswe ke Mowa o o Boitshepo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan