Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:5 - Setswana 1970

5 Mme botlhe ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong, go nna tshupo ka ga bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

5 “Fa batho ba motse ba sa lo reetse fa lo tsena, hularang lo tsamaye, lo supa bogale jwa Modimo kgatlhanong le motse o o ka go itlhotlhora lorole lwa one mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi leha e le mañmañ eo o sa lo culeñ, ere lo coa mo motseñ o, ikurubatseñ le lona lorole mo naoñ tsa lona, go na seshupo kaga bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Le fa e le bomang ba ba sa lo tsholeng, e re lo tswa mo motseng oo, lo itlhotlhore lorole mo dinaong tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:5
13 Iomraidhean Croise  

Ka ba ka tlhotlhora kgwatlha ya me ka re: “A Modimo o tlhotlhore monna mongwe le mongwe jalo yo o sa dirafatseng lefoko leo gore a latlhegelwe ke ntlo ya gagwe le di-tsa-gagwe, a nne jalo a tlhotlhorilwe a le lolea fela.” Ke fa phuthego yotlhe e re: “Amen!” Ya ba ya baka Morena. Mme morafe wa dira ka fa lefokong leo.


Lo tla isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go nna tshupo mo go bone le mo baheitaneng.


Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholweng teng, ba sa lo utlwe, e re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lo lo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo mo go bone.”


“Yo o tsholang mongwe wa bana ba ba ntseng jaana ka ntlha ya leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, ga a tshole nna, o tshola ene yo o nthomileng.”


“Yo o lo utlwang o utlwa nna; yo o lo nyatsang o nyatsa nna, mme yo o nnyatsang o nyatsa ene yo o nthomileng.”


Jesu a mo laya gore a se ka a bolelela ope, a ba a re: “Tsamaya ò ipontshe moperesiti, ò ntshetse phôlô ya gago ka fa Moše a laotseng ka teng, go nna tshupo mo go bone.”


Ntlo e lo tsenang mo go yona, le fa e ka nna efe, lo nne teng, lo be lo tloge teng.


a ba raya a re: “Yo o tsholang ngwana yo ka leina la me, o a ntshola; mme yo o ntsholang, o tshola yo o nthomileng. Gonne yo o leng mmotlana mo go lona lotlhe, ke ene yo mogolo.”


Ke fa bone ba ba tlhotlhorela lorole lwa dinao, ba fetela kwa Ikonio.


Ya re ba ganetsa, ba kgala, a ikudubatsa diaparo, a ba raya a re: “A madi a lona a wele ditlhogong tsa lona! Nna ke itshekile; go tloga jaanong ke tla ya kwa baheitaneng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan