Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:44 - Setswana 1970

44 “Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

44 “Ntheetsang lo bo lo gakologelwe se ke se buang. Nna, Morwa Motho, ke tlaa okwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

44 A mahuku a, a noele mo tsebeñ tsa lona; gone Moroa mothu o tla neloa mo atleñ tsa bathu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

44 “A mafoko a, a tsenelele mo ditsebeng tsa lona; gonne Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa batho.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:44
26 Iomraidhean Croise  

Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. A bogolo re wele mo diatleng tsa Morena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo; a ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.”


Go tloga foo Jesu Keresete a simolola go sedimosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, le go bogisiwa ka tse dintsi ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.


“Lo itse gore e tla re malatsi a mabedi a sena go feta, go nne moletlo wa Tlolaganyo, mme Morwa-Motho o tla neelwa go bapolelwa sefapaanong.”


Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo.


Gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya; mme e tla re a sena go bolawa, a tsoge morago ga malatsi a le mararo.”


Botlhe ba ba di utlwang ba di tshola ka pelo ba re: “Kana ngwana yo, o tla nna eng?” Gonne letsogo la Morena le ne le na nae.


Jaanong a itseela ba ba 12, a ba raya a re: “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme tsotlhe tse di kwadilweng ka ga Morwa-Motho ke baporofeti, di tla dirafala;


Maria a boloka dipolelo tsotlhe tseo, a di akanya mo pelong ya gagwe.


Mme a tsamaya nabo, a fitlha mo Nasaretha, a ba utlwa; mmaagwe a boloka mafoko aotlhe ao mo pelong.


A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”


a re: “Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go ganwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le go bolawa le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.”


Jesu a ba fetola a re: “A jaanong lo a dumela?


Dilo tse ke di lo boleletse gore motlhang nako e tlang, lo gakologelwe gore ke di lo boleletse. “Ga ke a ka ka di lo bolelela go tloga tshimologong, ka gonne ke ne ke ntse ke na le lona.


Jesu a araba a re: “O ka bo o se na thata epe mo go nna, fa o ka bo o sa e newa e tswa kwa godimo; ka moo, yo o go nneetseng o na le boleo jo bogolo bogolo.”


ene yoo yo o neetsweng losong ka maikaelelo a a beilweng ke Modimo le ka kitsetsopele ya ona, lona lo mmapotse, lwa mmolaya ka diatla tsa baikepi;


Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan