Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:41 - Setswana 1970

41 Jesu a araba a re: “Batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo ke lona! Ke tla nna le lona go fitlhelela leng, ke lo itshoketse? Tsisa morwao kwano!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Hong Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Batho ba ba logwadi ke lona ba lo senang tumelo, ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae? Mo tliseng kwano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 Mi Yesu a araba, a re, Au! losika lo lo sa rumeleñ lo tlogo e thata ki lona, ki tla na le lona go lele go kai, go iphapanya le lona? Lere moroau kuanu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Jesu a fetola a re: “Ao, losika lo lo se nang tumelo, lo lo tlhogo e thata! Ke tlaa nna le lona lobaka lo lo kae ke iphapaanya le lona? Lere morwao kwano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:41
31 Iomraidhean Croise  

Ya re Elisa monna wa Modimo a utlwa go twe: Kgosi ya Iseraele e ikgagotse diaparo! A roma kwa kgosing a re: “Ke ka ntlha ya eng fa o ikgagotse diaparo? A a tle kwa go nna gore a itse, fa go na le moporofeti mo Iseraeleng.”


gore ba se nne jaaka borraabo ba e neng e le losika lo lo tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi, losika lo lo tlhokang pelo ya tlhomamo le mowa o o lebileng Modimo ka boikanyo.


Moše le Arone ba ya kwa go Farao, ba mo raya ba re: “Morena, Modimo wa Bahebere, o bua jaana a re: ‘O tla gana goleele go le kae go ikokobetsa fa pele ga me? Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Lo tla gana goleele go le kae go tshegetsa ditaolo tsa me le melao ya me?


Jerusalema, tlhapa pelo bosula, gore o tle o pholosiwe. Megopolo ya gago ya boithamako e tla nna mo teng ga gago go fitlha leng?


Morena a ba a raya Moše a re: “Batho ba, ba tla nnyatsa goleele go le kae? Ba tla khutla leng go sa dumeleng mo go nna, etswe ba bonye ditshupo tsotlhe tse ke di dirileng mo gare ga bone?


“Phuthego e e bosula e, e tla nna e nngongoregela go fitlha leng? Dingongorego tsa Baiseraele tse ba sa bolong go nngongoregela ka tsona ke di utlwile.


“Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.


A ba fetola a re: “Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona moporofeti;


Foo o ye, o itseele mewa e sele e e supang, e e bosula go o feta, e be e tsene, e age teng; mme morago motho yoo a nne bosula go feta pele. Le batho ba ba bosula ba, ba tla dirafalelwa ke tse di ntseng jalo.”


Morafe o o bosula wa boaka o batla sesupo; mme ga o kitla o newa sesupo sepe, fa e se sesupo sa ga Jona.” Mme a ba tlogela foo, a tsamaya.


Jesu a fetola a re: “A batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo! Kana ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela goleele go le kae? Mo tsiseng kwano go nna!”


Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tseo, di tla wela batho bao ba ba ntseng jalo.


Ya re a bona bontsi jwa Bafarisai le Basadukai ba tla kolobetsong, a ba raya a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona! Lo kaetswe ke mang gore lo falole bogaleng jo bo tlang?


Ya re Jesu a bona, a gakala, a ba raya a re: “Lesang bana ba tle go nna, lo se ka lwa ba iletsa; gonne puso ya Modimo ke ya ba ba ntseng jalo.


Ke fa Jesu a ema a re: “Mmitseng!” Ba bitsa sefofu, ba se raya ba re: “Namatshega o nanoge; o a go bitsa.”


Jesu a ba raya a re: “Mofuta wa batho ba ba sa dumeleng ke lona! Ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela sebaka se se kana kang? Mo tsiseng kwano go nna!”


A ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa le tsona diphefo le metsi a di laola, mme di mo utlwa?”


Ke rapetse barutwa ba gago gore ba o kgarameletse ntle, mme ba reteletswe.”


Ya re a sa ntse a tla kwa go ene, modemone wa mo rutlarutla, wa mo karalatsa. Mme Jesu a kgalemela mowa o o itshekologileng, a fodisa mosimane, a ba a mo neela rraagwe.


Jesu a mo raya a re: “Ga ke bolo go nna le lona, mme a ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bonye Rara. O bua jang fa o re: ‘Re supetse Rara’?


A ba a raya Thomase a re: “Ntshetsa monwana wa gago kwano, o lebe diatla tsa me; o ntshetse seatla sa gago kwano, o se tsenye mo letlhakoreng la me; o se nne yo o sa dumeleng, mme o nne yo o dumelang.”


Wa ba wa itshokela mekgwa ya bone mo sekakeng, e ka nna sebaka sa dinyaga di le 40.


A supa, a ba a ba kaela ka mafoko a mantsi a mangwe a re: “Ineeleng go pholosiwa, lo tswe mo mofuteng ono o o kgopo!”


A kampo o nyatsa lohumo lwa bopelontle le lwa boitshoko le lwa bopelotelele jwa ona, o sa itse gore molemo wa Modimo o go gogela tlhabologong?


Ba o senyeditse. Ga se bana ba one, ba tshwana le tshubaba fela; ke losika lo lo sokameng lo lo kgopo gotlhe.


Mme re bona, fa ba paletswe ke go tsena ka ntlha ya go sa dumeleng.


Jaanong he, a re tlhoafaleleng go tsena mo boikhutsong joo gore go se nne ope yo o welang mo tseleng ya bale ya go gana go utlwa.


Gonne le rona Efangele re e reretswe fela jaaka bale; mme lefoko la thero bale ga le a ka la ba thusa sepe, ka le se ka la tsholwa ka tumelo ke ba ba le utlwileng.


Ke gona ka moo o nonofileng go pholosa ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a phela ka gale go ba rapelela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan