Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:30 - Setswana 1970

30 Jaanong bonang, banna ba le babedi ba bua nae, e bong Moše le Elia,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 Hong banna ba babedi Moshe le Elija ba iponatsa mme ba simolola go bua nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Mi bonañ, banona ba tu ba bua nae, ba e leñ Moshe le Eliyahue;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 Mme bonang, ga bua nae banna ba le babedi, e le Moše le Elija;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:30
13 Iomraidhean Croise  

O tla mo etelela pele mo moweng le mo thateng ya ga Elia go sokololela dipelo tsa borra-bana mo baneng, le ba ba sa utlweng go ba sokololela mo maikutlong a basiami, go baakanyetsa Morena setšhaba se se etleeditseng.”


Jaanong a simolola ka Moše le ka baporofeti botlhe, a ba rarabololela tse di builweng ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.


A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”


Ba araba ba re: “Ba re, o Johane Mokolobetsi; ba bangwe ba re, o Elia; ba bangwe gape ba re, moporofeti mongwe wa ba bogologolo o tsogile.”


Ya re a ntse a rapela, ponalo ya sefatlhego sa gagwe ya fetoga, seaparo sa gagwe sa nna sesweu, sa fatlha.


ba bonala mo kgalalelong, ba bua ka ga bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe jo a tla bo feleletsang kwa Jerusalema.


Kana molao o neilwe ka Moše, mme bopelotlhomogi le boammaaruri di tsile ka Jesu Keresete.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan