Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:22 - Setswana 1970

22 a re: “Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go ganwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo le go bolawa le go tsosiwa ka letsatsi la boraro.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 A re, “Gonne ke tlaa sotlega thata, e bile ke tlaa ganwa ke baeteledipele ba Sejuta, bagolwane, baperesiti ba bagolo le bomaitseanape ba molao, ke tlaa bolawa mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 A re, Moroa mothu o cuanetse go boga lilo lintsi, le go nyarioa ki bagolu, le baperiseti ba bagolu, le bakuari, mi o tla bolaoa, mi o tla cosioa ka tsatsi ya bo teri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 a re: “Morwa Motho o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke bagolwane le ke ditlhogo tsa baperesiti, le bakwadi, mme o tlaa bolawa, a ba a tsosiwa ka letsatsi la boraro.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:22
24 Iomraidhean Croise  

Le gona ke tla baya letlhoo fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe; lone lo tla go tšhwetla tlhogo, mme wena o tla lo loma serethe.”


E tla re bosupa jwa dinyaga ga 62 di sena go feta, Motlodiwa a bolawe, a se na molato. Morafe wa kgosi e e tlang o tla senya motse le Felo-ga-Boitshepo. Bofelo jwa ona bo tla tla ka morwalela. Go tla nna tlhabano go fitlha bokhutlong. Ke tshenyo e e tlhomamisitsweng.


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng. Morwa-Motho le ene ba tla mmogisa jalo.”


Ya re ba ntse ba kopana mo Galelea, Jesu a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.


ba re: “Morena, re gakologelwa gore e rile motsietsi yoo a sa ntse a phela, a re: ‘Morago ga malatsi a le mararo ke tla tsoga.’


Jaanong a simolola go ba ruta gore Morwa-Motho o tshwanetse go boga dilo tse dintsi, le go latlhwa ke bagolo ba morafe le baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo, le go bolawa, le go tsoga morago ga malatsi a mararo.


Gonne o ne a ruta barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho, mme ba tla mmolaya; mme e tla re a sena go bolawa, a tsoge morago ga malatsi a le mararo.”


Mme pele o tshwanetse go boga di le dintsi le go latlhwa ke ba metlha eno.


A Keresete o ne a sa tshwanela go boga dilo tseo le go tsena mo kgalalelong ya gagwe.”


A ba a ba raya a re: “Mafoko a me a ke a buileng le lona, fa ke sa na le lona, ke a go re: Tsotlhe tse di kwadilweng ka ga me mo molaong wa ga Moše le mo baporofeting le mo dipesalomeng di tshwanetse go dirafala.”


a re: ‘Morwa-Motho o tshwanetse go neelwa mo diatleng tsa batho ba ba boleo, le go bapolwa le go tsoga ka letsatsi la boraro.’ ”


“Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.”


le gore o ne a fitlhwa, le gore o tsositswe ka letsatsi la boraro ka fa Dikwalong,


ba tlhotlhomisa gore Mowa wa ga Keresete o o neng o le mo go bone o senola nako efe le e e ntseng jang, fa o supela pele dipogo tse di tla tlelang Keresete le tsa kgalalelo tse di tla di latelang.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan