Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 9:1 - Setswana 1970

1 Jaanong Jesu a bitsa barutwa ba ba 12 mmogo, a ba naya nonofo le thata ya go leleka medemone yotlhe, le go fodisa malwetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a phutha baaposetoloi ba gagwe ba ba lesome le bobedi! A ba naya taolo mo meweng e e bosula, a ba naya nonofo go e kgoromeletsa ntle go fodisa malwetse otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ka a sina biletsa barutoa ba gague ba tuelev mogo, a ba naea thata le taolo mo bademoneñ botle, le go horisa maloetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 A phutha ba ba 12, a ba naya thata le taolo go laola mewa e e maswe yotlhe, le go fodisa malwetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 9:1
15 Iomraidhean Croise  

Ke tla be ke go neele dilotlele tsa puso ya magodimo; sengwe le sengwe se o tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa magodimong; mme se o tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa magodimong.”


Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa.


gonne le nna ke motho yo o mo taolong, mme ke na le batlhabani fa tlase ga me; e a re fa ke raya yo ke re: ‘Tsamaya!’ a tsamae; le yo mongwe ke re: ‘Tlaa!’ a tle; le motlhanka wa me ke re: ‘Dira se!’ a se dire.”


Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi.


Bonang, ke lo neile thata ya go gata dinoga le diphepheng le ya go fenya nonofo yotlhe ya mmaba; ga go sepe se se ka lo direlang bosula ka gope.


Ammaaruri, ammaaruri ke lo raya ke re: Yo o dumelang mo go nna, le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang, e bile o tla dira tse dikgolo bogolo go tse; gonne ke ya kwa go Rara.


Mme lo tla bona nonofo ya Mowa o o Boitshepo, motlhang o tlang mo go lona; lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema le mo Jutea yotlhe le mo Samaria le go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe.”


Ke ka go dumela mo leineng la gagwe, fa leina la gagwe le tiisitse monna yo, yo lo mmonang, lo mo itseng. Mme tumelo e e tlang ka ene Jesu e mo neile boitekanelo jo bo tletseng jo fa pele ga lona lotlhe.


ka go ntsha letsogo go fodisa, mme a ditshupo le dikgakgamatso di dirwe ka leina la ga Jesu, Motlhanka wa gago yo o boitshepo.”


Petoro a mo raya a re: “Enea, Jesu Keresete o a go fodisa; tsoga o ikalolele!” A akofa a tsoga.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan