Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:8 - Setswana 1970

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, tsa mela, tsa ba tsa ungwa ga lekgolo.” Ya re a sena go bua dilo tse, a tlhatlosa lentswe a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”)

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi tse riñue tsa oela mo mbuñ o o molemo, mi tsa gola, mi tsa uñua louñuo loa hundereda. Mi ka a sina bua lilo tseuo, a bitsa, Eo o nañ le litsebe go utlua, a a utlue.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa gola, tsa ungwa loungo lwa nna lekgolo.” Ya re a bua dilo tse, a goa a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:8
25 Iomraidhean Croise  

Isaka o ne a lema mo lefatsheng leo. Mme ka ngwaga oo kgetse ya peo ya mmusetsa di le lekgolo, ka Morena a ne a mo tshegofaditse.


Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, Morena o di dirile ka bobedi jwa tsona.


A botlhale ga bo kue? A tlhaloganyo ga e tlhatlose lentswe la yona?


Utlwang, lo sekege ditsebe, mme lo se ka lwa ikgantsha, gonne Morena o buile jalo.


Le gona Morena o lo rometse batlhanka botlhe ba gagwe ka tlhoafalo, e leng baporofeti, mme ga lo a ka lwa utlwa le e seng go sekega ditsebe gore lo utlwe.


Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe!


Wa peo e e jwetsweng mo mmung o o siameng ke ene yo o utlwang Lefoko, a be a le tlhaloganye. Ke ene yo o ungwang, peo e nngwe e ungwe ga lekgolo, e nngwe ga 60, e nngwe ga 30.”


Ba go jwetsweng mo mmung o o molemo ke ba ba utlwang Lefoko, ba le tshole, ba ungwe, bangwe ga 30, ba bangwe ga 60, ba bangwe ga 100.”


Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”


Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa di sena go tlhoga le go gola; tsa tsala, tse dingwe ga 30, tse dingwe ga 60, tse dingwe ga 100.”


Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe!”


Ga le na tiro, le fa e le tshimong, le fa e le mo thotobolong; mme ba le latlhela kwa ntle. Yo o nang le ditsebe go utlwa a a utlwe!”


Tse di mo mmung o o siameng ke bone ba e a reng ba utlwile, ba boloke Lefoko mo pelong e ntle e e molemo, mme ba ungwe go ya pele.


Tse dingwe tsa wela mo gare ga ditlhatshana tse di mmitlwa; mme ditlhatshana tsa mela natso, tsa di hupetsa.


Gonne re tiro ya ona, re tlholetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di etleeditseng pele gore re tsamae mo go tsona.


gore lo tshele ka fa go tshwanetseng Morena ka teng go mo kgatlha gotlhe, lo ungwe tiro nngwe le nngwe e e molemo, lo gole mo kitsong ya Modimo,


“Yo o nang le tsebe a a utlwe!


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ga a nke a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.’


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego! Yo o fenyang ke tla mo naya go ja setlhare sa bophelo se se mo Parateiseng ya Modimo.’


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’


“ ‘Yo o nang le tsebe a a utlwe se Mowa o se rayang diphuthego!’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan