Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:6 - Setswana 1970

6 Tse dingwe tsa wela mo mmung o o majwe; mme ya re di sena go tlhaba, tsa omelela, ka di tlhaela bokgola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

6 Peo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi tse riñue tsa oela mo hikeñ, mi tsa re li sina iphara, tsa shoaba, gone li li tloka loñola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 Tse dingwe tsa wela fa go letlapa; ya re fela di sena go tlhaba, tsa ba tsa swaba, ka di tlhokile longola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:6
14 Iomraidhean Croise  

Morena, a ga ke re, matlho a gago a tlhola boikanyo? O ba otlile, mme ga ba a utlwa botlhoko. O ba fedisitse, mme ba se ka ba tlhabololwa ke kotlo. Ba kwatlaladitse difatlhego bogolo go lefika; ba gana go tlhabologa.


Ke tla ba naya dipelo di sele, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga bone. Dipelo tse di matlapa ke tla di tlosa mo mebeleng ya bone, ke ba naya pelo tsa nama


Ke tla lo naya pelo e ntšhwa, ke tsenya mowa o mošwa mo teng ga lona. Ke tla ntsha pelo eo ya lentswe mo nameng ya lona, ke lo naya pelo ya nama.


A dipitse di ka siana mo mafikeng? Gongwe a lewatle le ka lengwa ka dipholo? Gonne lo fetotse katlholo mogau, le leungo la tshiamo lo le fetotse longana.


Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.


“Mojwadi o kile a tswela go jwala peo ya gagwe. Ya re a ntse a jwala, tse dingwe tsa wela mo tseleng, tsa gatakwa, mme dinonyane tsa leapi tsa di ja.


Tse dingwe tsa wela mo gare ga ditlhatshana tse di mmitlwa; mme ditlhatshana tsa mela natso, tsa di hupetsa.


Fa go twe: “Kajeno, fa lo utlwa lentswe la ona, se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka mo kgakatsegong!”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan