Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:52 - Setswana 1970

52 Botlhe ba bo ba lela, ba mo hutsafalela. Mme Jesu a re: “Se leleng; gonne ga a a swa, o robetse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

52 Mi botle ba lela, ba mo lelela; mi a re, Si leleñ; ga a shua, o robetse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

52 Mme botlhe ba bo ba lela, ba mo lelela; mme ene a re: “Se leleng, gonne ga a a swa, o robetse.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:52
14 Iomraidhean Croise  

mme a swela kwa Khiriathe-Areba, ke go re kwa Heberone mo lefatsheng la Kanana. Ke fa Aborahame a tsena go hutsafalela Sara le go mo lelela.


Ke fa kgosi e huduega e tlhatlogela kwa ntlwaneng e e okameng kgoro, e lela; ya re e ntse e tsamaya, ya bua ya re: “Morwaaka Abesalomo, morwaaka, morwaaka Abesalomo! Ijoo! Ke ne ke sa sweleng boemong jwa gago! Abesalomo, morwaaka, morwaaka!”


Kgalalelo ya Morena e Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba.


Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa.


‘Re lo leleditse ditlhaka, mme ga lo a ka lwa bina; ra tlhaba difela tsa bohutsana, mme ga lo a ka lwa lela!’


Jaanong lekoko le legolo la batho la mo sala morago, le la basadi ba ba bileng ba ithwele megono, ba mo lelela.


Mme batho botlhe ba ba neng ba phuthegetse go bona pono e, ya re ba bona tse di dirafetseng, ba itshôla, ba boa.


Ya re a tsena mo ntlong, a se ka a letlelela ope go tsena nae, fa e se Petoro le Johane le Jakobo le rramosetsana le mmaagwe.


Mme ba mo tshega, ka ba itse gore o sule.


E rile Jesu a utlwa, a bua a re: “Bolwetse joo ga se jwa loso, ke jwa kgalaletso ya Modimo gore Morwa Modimo a galalediwe ka jona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan