Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:47 - Setswana 1970

47 Ya re mosadi a bona, fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a ipolela fa pele ga batho botlhe se a se mo ametseng le ka fa a akofileng a fola ka teng.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

47 Mi ka mosari a bona a sa shubega, a tla ka thoromo, mi a oela ha pele ga gague, a mulelela ha pele ga bathu botle, kaha o mo amileñ ka gona, le kaha o horisicoeñ ka bonako ka gona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

47 Ya re mosadi a bona fa a sa fitlhega, a tla a roroma, a wela fa fatshe fa pele ga gagwe, a mmolelela fa pele ga batho botlhe ka fa o mo amileng ka gone, le ka fa o fodisitsweng ka gone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:47
18 Iomraidhean Croise  

Direlang Morena ka poifo, lo duduetse ka thoromo.


Ke koafetse, ke tapetegile gotlhe, ke dumisiwa ke phegelo ya pelo ya me.


Tlayang, lo reetse, lona lotlhe ba lo boifang Modimo; ke tla bolela se o se diretseng mowa wa me.


Ke seatla sa me se se dirileng dilo tsotlhe tse; dilo tsotlhe tsa tlholega jalo, go bua Morena. Mme yo ke tla mo lebang, ke yo o bogisegang, yo o mowa o sugegileng, yo o boifang lefoko la me.


E ne ya re fela fa Eferaime a bua, go nne letshogo; e ne e le yo mogolo mo Iseraeleng, mme a leofa ka Baale, a ba a swa.


Eferaime, nna ke a mo itse, le Iseraele ga a fitlhega fa pele ga me: Jaanong ò akafetse, Eferaime; Iseraele o itshekologile.”


E rile ke utlwa jalo, teng ya me ya huduega, molomo wa me wa roroma ka ntlha ya modumo; go nyera ga ntsena mo marapong, ka tetesela fa ke emeng teng; gonne ke na le go iketlela letsatsi la tlalelo gore le tlele morafe o o re tlhaselang.


Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe.


Jaanong mosadi a boifa, a roroma, ka a itse se se mo dirafaletseng, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe.


Mme Jesu a re: “Mongwe o nkamile; gonne ke ikutlwile gore thata e dule mo go nna.”


Ya baa gona Jesu a mo rayang a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go thusitse; tsamaya ka kagiso.”


Jaanong a lopa dipone, a tlolela mo teng, a wela fa pele ga Paulo le Silase, a roroma.


Le gona ke ne ke le mo go lona ka bokoa le poifo le thoromo e kgolo.


Pelo ya gagwe e lo rata bogolo bogolo, ka a gakologelwa kutlo ya lona lotlhe, jaaka lo ne lwa mo tshola ka poifo le thoromo.


Jaanong, baratwi ba ka, ba lo ntseng lo utlwa ka metlha, e seng fela fa ke le teng, mme bogolo bogolo jaanong ke se yo, ipatleleng phologo ya lona ka poifo le thoromo;


Ka moo, e re ka re amogela puso e e sa reketleng, a re nneng le tebogo, mme ka yona re direle Modimo ka mokgwa o o o natefelang ka tshisimogo le ka poifo.


Samuele a dira se Morena a se buileng, mme ya re a goroga kwa Betleheme bagolo ba motse ba mo kgatlhantsha ba tshogile ba re: “A o tla ka kagiso?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan