Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:42 - Setswana 1970

42 gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

42 Gone a na le moroarie eo esi, a kane a le linyaga li tuelev, mi a letse loa go shua. Mi ka a ea, bontsintsi yoa mo pitlaganya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

42 ka a ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12; mme a bo a le mo pitlaganong ya loso. Ya re a tsamaya batho ba mo kgotlhaganyetsa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:42
15 Iomraidhean Croise  

Le tlhaba ba le gona, le phirima ba remagantswe; ba latlhega ka bosakhutleng, ba sa tlhokomelwe ke ope.


Gonne ke mang yo o itseng tse di molemo mo mothong ka malatsi a a badilweng a bophelo jwa boithamako jwa gagwe, jo a bo fetisang jaaka moriti; gape ke mang yo o ka itsiseng motho se se tla dirafalang sehularong sa gagwe fa tlase ga letsatsi?


“Morwa-motho, bona, ke tla tlosa mosadi yo o kgatlhang matlho a gago ka loso lwa tshoganyetso. Mme ò se hutsafale, ò se lele, ò se tsholole dikeledi;


“Mme wena morwa-motho, ruri, e tla re ka letsatsi le ke tlosang phemelo mo go bone le mokgabo o ba o itumelelang le kgatlhego ya matlho a bone le tlhologelelo ya dipelo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone;


Mme Mowa wa kutlwelo-botlhoko le wa go rapelela boitshwarelo ke tla o tshela mo go ba ntlo ya ga Dafita le mo baaging ba Jerusalema, mme ba tla nteba ke le yo ba mo tlhabileng; ba tla mo hutsafalela jaaka go hutsafalelwa loso lwa ngwana yo o esi; ba tla mo lelela ka bogalaka jaaka ngwana yo o tsetsweng pele a lelelwa.


A tloga nae, batho ba bantsi ba mo sala morago, ba mo pitlaganya.


Ya re a atamela kgoro ya motse, ga bo go tshotswe moswi, a isiwa kwa ntle, e le morwa mmaagwe yo o esi, mme ene e le motlholagadi. Bontsi jo bogolo jwa motse jwa bo bo na nae.


Mme bonang, ga tla monna yo leina la gagwe e leng Jairo, e le tlhogo ya senagoge. Yoo a wela fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a tsene mo ntlong ya gagwe;


Jaanong ga tla mosadi yo o sa leng a bolawa ke tshologo ya madi dinyaga di le 12, mme a feditse tsotlhe tse a phelang ka tsona mo dingakeng, mme go se ope yo o ka mo fodisang,


Ke fa Jesu a re: “Ke mang yo o nkamileng?” Ya re ba itatola botlhe, Petoro le ba ba nang nae ba re: “Moruti, bontsi bo go pitlagantse, ba kataganye fa go wena.”


Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan