Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:41 - Setswana 1970

41 Mme bonang, ga tla monna yo leina la gagwe e leng Jairo, e le tlhogo ya senagoge. Yoo a wela fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a tsene mo ntlong ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

41 ¶ Mi, bonañ, ga tla monona eo o birioañ Yario, ea bo e le molaori oa senagoge; mi a oela ha naoñ tsa ga Yesu, mi a mo rapela gore a ee kua tluñ ea gague;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

41 Mme bonang, ga tla monna mongwe yo o bidiwang Jairo, ya bo e le molaodi mongwe wa ntlo ya thuto; a wela fa fatshe fa dinaong tsa ga Jesu, a mo rapela gore a ye go tsena mo ntlong ya gagwe;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:41
15 Iomraidhean Croise  

Ke fa molaodi wa senagoge a gakatsega, ka Jesu a fodisitse ka Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a go tshwanetseng ga dirwa ka ona; tlaang lo fodisiwe ka ona, e seng ka letsatsi la Sabata.”


a ba a wela fa fatshe ka sefatlhego fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme yoo ya bo e le Mosamaria.


Ya re Simone Petoro a bona, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Morena, ntlogele, ka gonne ke monna yo o boleo.”


gonne o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o esi, yo o ka neng a le dinyaga di le 12, yo o neng a le gaufi le go swa. Ya re a tsamaya, bontsi jwa batho jwa mo pitlaganya.


Ya re a sa ntse a bua, ga tla mongwe a tswa kwa ga gabo molaodi wa senagoge, a mo raya a re: “Morwadio o sule; se tlhole o lapisa Moruti.”


Ke fa Maretha a raya Jesu a re: “Morena, fa o ka bo o ne o le teng, kgaitsadiake o ka bo a se ka a swa.


Ya re go sena go buisiwa molao le baporofeti, bagogi ba senagoge ba roma kwa go bone ba re: “Banna, bakaulengwe, a e re fa lo na le lefoko lengwe la go kgothatsa batho, lo bue.”


Jaanong botlhe ba tshwara Sosethene, mogogi wa senagoge, ba mmetsa teng mo kgotleng; mme Galeo a se ka a re sepe ka ga dilo tseo.


Kerisepo, mogogi wa senagoge, a dumela mo Moreneng le botlhe ba lelapa la gagwe; le Bakorinthe ba le bantsi, ya re ba utlwa, ba dumela, ba be ba kolobediwa.


Ya re ka Lita a le gaufi le Jope, mme barutwa ba utlwa gore Petoro o teng, ba roma banna ba le babedi go ene, ba mo rapela ba re: “O se ka wa diega go tla go rona.”


Ya re e tsaya lokwalo, diphedi tse nne le bagolo ba ba 24 ba wela fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe a tshotse harepa le megotšwana ya gouta e tletse maswalo a e leng merapelo ya baitshepi.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan