Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:30 - Setswana 1970

30 Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago ke mang?” Yoo a re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye medemone e mentsi mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

30 Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe!

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

30 Mi Yesu a motsa, a re, Leina ya gago e mañ? Mi a re, Ligione; gone bademona bantsi ba le ba tsenye go ena.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

30 Jesu a mmotsa a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Ke Mophato,” gonne go ne go tsenye mewa e e maswe e le mentsi mo go ene.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:30
7 Iomraidhean Croise  

Kampo a o itlhoma ke sa ka ke ka rapela Rre gore e re fela jaanong a nthomele bogolo go mephato e le 12 ya baengele?


Tumo ya gagwe ya tswela kwa Siria yotlhe. Batho ba isa go ene botlhe ba ba lwalang, ba ba tshwerweng ke malwetse a mefutafuta le matlhoko, le ba ba tsenyweng ke medemone, le ba ba karalalang, le ba ba suleng mefama, a ba fodisa.


Ba goa ba re: “Re na le kopano efe le wena, Morwa Modimo? A o tsile kwano go re tlhokofatsa e ise e nne nako?”


Ya re a sena go tsoga e sa le ka moso ka letsatsi la ntlha la beke, a bonala pele kwa go Maria Magtalena yo a kileng a kgarameletsa medemone e e supang ntle mo go ene.


Jesu a o botsa a re: “Leina la gago ke mang?” Wa mo araba wa re: “Leina la me ke ‘Mophato’; gonne re medemone e mentsi.”


le basadi bangwe ba ba neng ba fodisitswe mewa e e bosula le malwetse, e bong Maria yo o bidiwang Magtalena, yo go duleng medemone e e supang mo go ene,


Ke ka gonne Jesu o ne a laotse mowa o o itshekologileng go tswa mo mothong yoo. O ne o a tle o mo rutlarutle gantsi, a ba a golegwe ka dikeetane tsa mabogo le maoto, a disiwe, mme a kgaole dikgolego, a kgweelediwe ke modemone kwa mafelong a a senya.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan