Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:3 - Setswana 1970

3 le Johana, mosadi wa ga Gusa, molebeledi wa ntlo ya ga Herote, le Susana, le bontsi jwa ba bangwe ba ba neng ba ba direla ka tse ba nang natso.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

3 Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Le Yoane, mosari oa ga Kouse, motlameri‐ntlu oa ga Herode, le Susane, le bontsi yo boñue, yo bo mo rihelañ ka lilo tsa yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 le Joana mosadi wa ga Tšhusa, molebalebedi ntlo wa ga Herote, le Susana, le ba bangwe ba le bantsi ba ba mo direlang ka dilo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:3
19 Iomraidhean Croise  

“Kana nna ke mang, morafe wa me ke bomang mo re ka bong re nonofa go ntsha dineo tse di kana ka boitumelo? Kana tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neetse fela tse di tswang mo seatleng sa gago.


Mme papadi ya gagwe le kgwebo ya gagwe di tla itshepisediwa Morena, di sa phuthwe, di sa bolokwe; gonne khumo ya gagwe e tla direla ba ba agileng fa pele ga Morena gore ba je, ba kgore, ba apare tsa mokgabo.


Metlheng eo kgosi Herote a utlwela tumo ka ga Jesu,


Herote a re jalo, gonne o ne a tshwere Johane, a mo golega, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herodia, mosadi wa ga Filipo morwa-rraagwe.


E rile ka letsatsi la botsalo jwa ga Herote, morwadia Herodia a bina fa pele ga bone, a kgatlha Herote.


Ba feta ba tsena mo ntlong, ba bona ngwana, a na le Maria, mmaagwe. Jaanong ba wela fa fatshe, ba mo obamela, ba be ba phutholola matlotlo a bone, ba mo ntshetsa dineo, e bong gouta le maswalo le mera.


“Ya re go le maitsiboa, morena wa tshimo ya moweine a raya motlameledi wa gagwe a re: ‘Bitsa badiri, o ba amogedise dituelo tsa bone, o simolole ka ba morago, o fetse ka ba ntlha.’


Kgosi e tla ba araba e re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo di diretseng mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo di ntiretse.’


gonne bahumanegi lo na nabo ka gale; mme nna ga lo na le nna ka gale.


Basadi ba bantsi ba bo ba le teng foo, ba lebile ba le kwa kgakala, e le ba ba setseng Jesu morago go tswa Galelea go mo direla.


E ne e le Maria Magtalena le Johana le Maria mma Jakobo le ba bangwe ba ba nang nabo, ba ba boleletseng baapostolo dilo tseo.


A bua jalo, e se ka gonne a bapalela bahumanegi, mme e le ka e le legodu, a tshola sekgwama, mme a itseela tse di tsenngwang mo go sona.


Go ne go le baporofeti le baruti mo Antiogia mo phuthegong ya teng, e bong Baranaba le Simeone yo o bidiwang Nigere, le Lukio wa Kirene, le Manaene yo o godisitsweng mmogo le kgosi Herote, le Saule.


gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe.


Baitshepi botlhe ba a lo dumedisa, bogolo bone ba ntlo ya Kaisara.


a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan