Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:24 - Setswana 1970

24 Ke fa ba tla, ba mo tsosa ba re: “Moruti, Moruti, re a nyelela!” A tsoga, a kgalemela phefo le dintelo tsa metsi; tsa khutla, ga ba ga nna tidimalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

24 Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

24 Mi ba tla go ena, ba mo cosa, ba re, Morena, Morena, rea nyelela. Mi a coga, a buela pheho le lintelo; mi tsa nyelela, mi ga na tirimalo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

24 Ba tla mo go ene ba mo tsosa ba re: “Morena, Morena, re a nyelela.” Foo a tsoga, a kgalemela phefo le go suma ga metsi; mme ga khutla, ga nna tuulalo fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:24
19 Iomraidhean Croise  

O thatafatsa dithaba ka thata ya gago, o itlamile ka nonofo.


“Ke ka ntlhaang, fa ke tlile, ke sa fitlhele ope; ka bitsa, mme go se na yo o arabang? A ruri letsogo la me le khutshwafetse, mo le sa itseng go rekolola? Gongwe a ke tlhoka thata ya go ka pholosa? Bonang, ke kgadisa lewatle ka kgalemelo ya me, ke fetola dinoka sekaka; ditlhapi tsa tsona di be di nkge, ka di se na metsi, di swe ka lenyora.


A ga lo a tshwanela go mpoifa?” go botsa Morena. “A ga lo a tshwanela go tetesela fa pele ga sefatlhego sa me? Kana ke dirile motlhaba molelwane wa lewatle, e le logora lo lo sa khutleng, lo le sa lo tloleng; le fa le huduega, ga le kgone sepe; le fa dintelo tsa lone di suma, ga di lo tlole.


O kgalemela lewatle, a le tšhese, dinoka tsotlhe a di kgadise; Basane le Karemele di swabe, le sethunya sa Lebanone se swabe.


Mme ya re a bona phefo e e thata, a boifa, mme ka a simolola go nwela, a goa a re: “Morena, nkinola!”


Ba ya go ene, ba mo tsosa ba re: “Morena, re pholose, re a nwela!”


A tsoga, a kgalemela phefo, a raya letsha a re: “Kgaotsa o didimale!” Phefo ya khutla, ga ba ga nna tidimalo e kgolo.


Jesu a o kgalemela a re: “Didimala o tswe mo go ene!” Mme ya re modemone o sena go mo piriganyetsa mo gare ga bone, wa tswa mo go ene, o sa mo utlwisa botlhoko.


Jesu a ema, a mo okama, a kgalemela go fisa, mme ga mo tlogela; a akofa a tsoga, a ba direla.


Simone a fetola a re: “Moruti, re letse re itapisitse bosigo jotlhe, ga re a ka ra tshwara sepe. Le fa go ntse jalo ke tla latlhela matloa ka lefoko la gago.”


A ba raya a re: “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba boifa, ba gakgamala, ba raana ba re: “Kana yo ke mang, fa le tsona diphefo le metsi a di laola, mme di mo utlwa?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan