Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:22 - Setswana 1970

22 Ka lengwe la malatsi ao a palama mokoro le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga letsha.” Mme ba bolola.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

22 ¶ Mi ga rihala ka tsatsi leñue, a tsena mo shepeñ le barutoa ba gague: mi a ba raea, A re eeñ kua moseya oa letsa; mi ba coelela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

22 Jaana ga dirala ya re ka letsatsi lengwe la malatsi ao, a tsena mo mokorong a na le barutwa ba gagwe, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja ga bodiba.” Ba bolola ka mokoro.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:22
12 Iomraidhean Croise  

Jaanong a akofa a kgola barutwa gore ba palame mokoro, ba mo etelele pele ba ye kwa moseja, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.


E rile Jesu a bona lesomo la batho le mo dikanyeditse, a laola gore go tshelelwe kwa moseja.


E rile Jesu a sena go tshelela gape kwa moseja ka mokoro, batho ba bantsi ba phuthegela kwa go ene, a le fa letsheng.


Jaanong a akofa a kgola barutwa ba gagwe go palama mokoro le go mo etelela pele kwa moseja kwa Betsaita, ene a sa ntse a phatlalatsa batho.


A ba tlogela, a boa a palama mokoro, a tshelela kwa moseja.


Ya re Jesu a eme fa letsheng la Genesareta, batho ba mo pitlaganya go utlwa Lefoko la Modimo;


Ya re ba ntse ba tsamaya, a thulamela. Ga fologela matsubutsubu a phefo mo letsheng, metsi a ba gasegela, mme ba nna mo kotsing.


Foo medemone ya tswa mo mothong, ya tsena mo dikolobeng, mme lekgamu la kgokologela ka fa makgotlhong mo letsheng, la betwa ke metsi.


E rile morago ga tseo Jesu a tshelela kwa moseja ga letsha la Galelea, le e leng la Tiberia.


Ra palama mokoro mongwe wa Ateramite o o neng o ya kwa mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Ra tsamaya re na le Aristarego wa kwa Thesalonika mo nageng ya Maketonia.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan