Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:18 - Setswana 1970

18 “Ka moo, tlhokomelang ka fa lo utlwang ka teng; gonne yo o nang le sengwe o tla newa; mme yo o se nang sepe, le se a itlhomang a na naso o tla se tseelwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

18 Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

18 Ki gona, itiseñ kaha lo utluañ ka gona; gone leha e le mañmañ eo o nañ le señue, o tla neoa; mi eo o si nañ sepe o tla tloserioa le shona se o itlomañ a na nasho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

18 “Ke gone, itiseng, ka fa lo utlwang ka teng; gonne le fa e le mang yo o nang le sengwe, ke ene o tlaa newang; mme le fa e le mang yo o se nang sepe, go tlaa tlosiwa mo go ene le se o itlhomang a na naso.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:18
25 Iomraidhean Croise  

Go na le ditsela tse motho a reng di siame, mme la bofelo ke ditsela tsa loso.


Gonne yo o nang le sengwe o tla newa, mme o tla nna le letlotlo; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.


Gonne mongwe le mongwe yo o dirisitseng sengwe ka boikanyo o tla okelediwa, a ba a nna le letlotlo; mme yo o sa supeng boikanyo o tla amogwa le se o nang naso.


“E re fa lo bona makgapha a tshenyego, e bong mongwe yo o emeng fa a sa tshwanelang go ema teng” – a yo o buisang a ele tlhoko – “foo ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng.


Ke lo raya ke re: ‘Mongwe le mongwe yo o nang le sengwe o tla fiwa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tla se amogwa.


“Tsenyang mafoko a mo ditsebeng tsa lona: Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.”


Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo.


Ke ka moo ke akofileng ka roma kwa go wena; mme o dirile sentle, fa o tsile. Jaanong re fano rotlhe fa pele ga Modimo go utlwa tsotlhe tse o di laetsweng ke Modimo.”


Mme bone ba ne ba tsalegile bogolo go ba kwa Thesalonika, ba amogela Lefoko ka tlhagafalo yotlhe, ba lotolotsa Dikwalo ka letsatsi lengwe le lengwe gore a dilo tse, di ntse jalo.


Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe.


Fa motho a ikutlwa a le moporofeti gongwe a le wa mowa, a a itse gore tse ke di lo kwalelang ke ditaolo tsa Morena.


A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe;


Mme fa mongwe a ithaya a re, o itse sengwe, yoo ga a ise a lemoge ka fa a tshwanetseng go itse ka teng.


le fa nna ke na le go ka ikanya nama le yona. Fa yo mongwe a re a ka ikanya nama, nna ke a mo gaisa:


Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan