Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Luke 8:13 - Setswana 1970

13 Tse di mo mmung o o majwe ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole Lefoko ka boitumelo; mme ga ba na modi. Ke ba ba dumelang ka sebakanyana fela, mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

13 Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

13 Mi tse ri mo hikeñ, ki bona ba erileñ ba sina utlua, ba cula lehuku ka boitumelo, mi ba, eare ka ba sina mocoe ba rumela ka bokhutsanyane, mi eare mo motleñ oa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

13 Ba ba fa go leng letlapa ke ba e a reng ba utlwile, ba tshole lefoko ka boitumelo; bao, e re ka ba sena modi, ba dumele ka lobakanyana fela; mme mo motlheng wa thaelo ba tenege.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Luke 8:13
37 Iomraidhean Croise  

Fa lo re, re tla mo latelela thata, re bona molato wa dipogo mo go ene,


Moikepi o eletsa go tsoma dilo tse di bosula, mme medi ya basiami e tla ntsha maungo.


Motho ga a kitla a tlhomama ka boikepo, mme medi ya basiami ga e nke e kumolwa.


Ba mpatla ka malatsi otlhe, ba eletsa go itse ditsela tsa me. Ba batla dikatlholo tse di siameng mo go nna, ba eletsa go atamela Modimo, jaaka e kete ke setšhaba se se dirileng ka tshiamo, se se sa tlogelang molao wa Modimo.


Bona, o tshwana le moopedi wa difela tsa lorato mo go bone, o na le lentswe le le monate, o itse go letsa sentle: Ba utlwa mafoko a gago, mme ba se ke ba a dirise.


“Nka go direlang, Eferaime? Nka go direlang, Juta? ka lorato lwa lona lo tshwana le mouwane wa masa, lo tshwana le monyo o o tlhotlhoregang e sa le phakela.


gonne Herote o ne a boifa Johane, ka a itse gore ke monna yo o siameng, yo o boitshepo; a ba a mo sireletsa. E ne ya re fa a mo utlwa, a akabale thata, mme a rate go mo utlwa.


Tse di mo tseleng ke ba ba utlwileng, mme morago go tle Diabolo, a tlose Lefoko mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba dumela, ba pholosiwa.


Tse di wetseng mo ditlhatshaneng tse di mmitlwa ke bone ba ba utlwileng, mme ba tsamaya ba imelwa ke matshwenyego le mahumo le menate ya lefatshe, ba hupediwa, mme go se ke go butswe leungo lepe mo go bona.


Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng leungo, o a e tlosa; mme nngwe le nngwe e e ungwang leungo, o a e tlôkôtla gore e tle e ungwe segolo.


Fa motho a sa nne mo go nna, o latlhelwa kwa ntle, jaaka kala e latlhelwa kwa ntle, e omelele, mme di kokwanngwe, di latlhelwe mo molelong, di fisiwe.


Ene e ne e le lobone lo lo tukang, lo lo phatsimang, mme lona lo ne lwa rata go itumelela lesedi la gagwe ka nakonyana fela.


Le fa nka bo ke na le neo ya boporofeti, ke tlhaloganya masaitsiweng otlhe le kitso yotlhe; kampo ke na le tumelo yotlhe ya go ka sutisa dithaba, mme ke se na lorato, nka bo ke se sepe.


e lo pholosiwang ka yona, fa lo ntse lo e dirisa jaaka ke e lo reretse, fa lo sa dumelela lefela.


Bagalatia ba lo se nang tlhaloganyo! Lo loilwe ke mang go se utlwe boammaaruri, lona ba Jesu Keresete o lo tshwantsheditsweng jaaka e kete o bapotswe fa pele ga matlho a lona?


A dilo tse di kalokalo lo di lemogetse lefela? Fa ka nnete e ka nna lefela.


gore Keresete a age mo dipelong tsa lona ka tumelo, lo nne ba ba medi mo loratong lwa gagwe, ba ba thaegileng mo go lone,


fa tota lo ka nna mo tumelong, lo theilwe, lo tlhomame, lo sa sutisiwe mo tsholofelong ya Efangele e lo e utlwileng, e e reretsweng lobopo lotlhe lo lo fa tlase ga letsatsi, e nna Paulo ke dirilweng modiredi wa yona.


Lo nne ba ba namileng medi, lo agiwe mo go ene, lo tiisiwe mo tumelong ka fa lo rutilweng ka teng, lo penologe tebogo.


Jaanong ya re ke palelwa ke go tlhola ke itshoka, ka roma motho ka ntlha ya moo gore ke tle ke itse tumelo ya lona, e se re gongwe moraedi a bo a lo raetse, mme tiro ya rona ya nna lefela.


o ntse o na le tumelo le segakolodi se se se nang molato, se batho bangwe ba se latlhileng, mme ba senyegelwa ke tumelo,


Mme rona ga re ba boikepo jo bo isang tatlhegong, re ba tumelo e e isang phologong ya botshelo.


Tumelo e sule, fa e se na ditiro, jaaka mmele o sule, fa o se na mowa.


Gonne fa e re ba sena go falola mo masweng a lefatshe ka go itse Morena le Mogolodi Jesu Keresete, ba boa ba thaisiwa ke ona le go fenngwa ke ona, bao kemo ya bone ya morago e a tle e sulafale bogolo go ya pele.


Ba dirafaletswe ke se se bolelwang ka seane sa boammaaruri se se reng: “Ntšwa e boetse matlhatseng a yona;” le se sengwe se se reng: “Kolobe e e tlhapileng e boetse go bidikama mo dithetseng.”


Ba dule mo go rona, mme e ne e se ba rona; gonne fa e ka bo e ne e le ba rona, ba ka bo ba sa na le rona. Mme go tshwanetse ga bonala, fa e se ba rona botlhe.


Bao ke dibala tsa ditlhong mo meletlong ya lona ya lorato, ga ba boife go ja le lona le go inontsha fela. Ke maru a a se nang metsi, a a kgweediwang ke diphefo; ke ditlhare tsa mariga tse di se nang maungo, tse di suleng gabedi, di kumotswe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan